Breaking News

Mapodise ba tlhotlhomisa kgetsi ya go thukuthwa

24 Aug 2017

Mookamela Mapodisi a Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya, a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa kgotlana ya Thito a neng a thukuthiwa koloi ke banna bangwe ba babedi. 

Mo potsolotsong le BOPA, Superintendent Ramaabya o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e le lesome le boferabobedi ka nako ya boferabobedi bosigo. 

O tlhalositse fa rre yoo, yo o kgweetsang dipalamo tsa setshaba, a ne a pegile mopagami wa mme yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano fa a tlaa emisiwa ke borre bao ba le babedi ba tlhalosa fa ba batla go isiwa mo go faphegileng. 

O ne a tlhalosa fa mo tsamaong ya mosepele, borre bao ba ne ba emisa koloi, ba tshwara mokgweetsi le mopalami ba ba bofa diatla le maoto mme ba latlhela mokgweetsi kwa morago ga koloi. 

O tlhalositse fa borre bao ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le motso le masome a mabedi le botlhano ba ne ba lala ba gobeya le batswasetlhabelo bao bosigo jotlhe mo Maun. 

O ne a tlhalosa fa borre bao ba ne ba felela ba thudile koloi ya modiro wa Honda Fit kwa morago ba bo ba sia mme rre wa koloi e e neng e thudilwe a kobakobana le bone mo go neng ga baka gore koloi e e neng e tsamaya ka borre bao e pitikologe. 

O ne a tlhalosa fa mmelaelwa yo o neng a kgweetsa koloi eo a ne a inaa naga fa yo mongwe le mong wa koloi le mme yo o neng a pegilwe ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Letsholathebe ka dikgobalo tse di potlana kwa ba neng ba alafiwa ba bo ba gololwa. 

O tlhalositse fa mmelaelwa yoo a ba thusa mo ditlhotlhomisong le go batla mmelaelwa yo mongwe yo o tseneng ka lenga la seloko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2017