Tsibogelang letshololo mo baneng - modulasetilo
24 Aug 2017
Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Kudumatse, Mme Ketsietswe Kootswetse o gakolotse batsadi go potlakela ba bongaka fa ngwana a na le letshololo, ka se se ka dibela dintsho tse di bakwang ke letshololo mo maseeng.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kootswetse a tlhalosa gore bolwetse jwa letshololo ke bongwe jwa malwetse a a tlwaelesegileng mo lefatsheng ka bophara, e bile bolwetse jo ke bongwe jwa malwetse a a tsweletseng ka go gapa matshelo a bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano.
A re fa ngwana a tlhokafala a bolawa ke letshololo o a bo a latlhegetswe ke metsi le matswai mo mmeleng, ka jalo batsadi ba tshwanetse go tsiboga fa ngwana a simolola go tsholola.
Mme Kootswetse a re kalafi ya letshololo e teng mo dikokelong, sebe sa phiri ke gore batsadi ba maoto a tshupa go tsibogela bolwetse, a tlatsa ka go re bangwe ba epa ditlhare tsa Setswana go siela ngwana, a supa seo gore se ka se thuse sepe.
A re motswako wa letshololo o teng go alafa ba ba amilweng ke letshololo ka o busetsa metsi le matswai mo mmeleng.
“Ba kokelo gangwe le gape ba abela bangwana pilisi e e emisang letshololo e e bidiwang Zinc Sulphate, pilisi eo e botlhokwa fela,” a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, mme Kootswetse a re komiti ya gagwe e tle e tsamaye le motse e ruta ka letshololo, mme a re ba ruta banni gore fa ba ka lemoga fa ngwana a ithoma mantle a a metsi gararo kana go feta foo mo letsatsing ba tshwanetse ba tsaya kgato ya go isa ngwana kokelong.
A re o gokalola banni gore ba tshware dijo tsa bana sentle ka gore letshololo le bakwa ke megare e ngwana a e ejang mo dijong kana go nwa metsi a a kgotlelesegileng.
“Gape letshololo le ka bakwa ke go tlhaela dikotla, mmokwane gammogo le letshoroma,” a tlhalosa.
O kgothatsa setshaba gore ba seka ba nwa metsi le go ja dijo tse di kgotlelesegileng,cgape a re go tlhapa diatla ka molora le metsi a a phepa go botlhokwa ka go fokotsa kanamo ya megare.
“Re tshwanetse go tlhaloganya gore mafele le dintsi le tsone di ka anamisa letshololo ka go tsaya megare mo mantleng di a isa kwa dijong, ka jalo bolwetse joo bo tswa mothong go ya kwa go yo mongwe fela jaana,” a bua jalo Mme Kootswetse.
O gakolola banni gore metsi a pompo ga a a siemela go nowa ke ngwana mme a tshwanetse a bedisiwe pele e bile go dirisiwa dilwana tse di phepa, le gone a tshwanetse go nna a khurumetswe go itsa megare go tsena mo teng.
Mme Kootswetse a re batsadi ba seka ba siela ngwana tee kana dino tsididi fa a tsholola ka gore di na le sukiri e e ka okeletsang ngwana letshololo, bogolo fa ngwana a fiwe kotla ya Zinc Sulphate ka e le botlhokwa mo itshireletsong ya mmele.
A re batho ba seka ba reka melemo ya letshololo kwa marekisetsong a melemo ba sa laelwa ke ba bongaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : KUDUMATSE
Event :
Date : 24 Aug 2017






