Banni ba Zoroga ba akgola puso
24 Aug 2017
Banni ba Zoroga ba lebogetse mananeo a puso go tlhabolola matshelo le go ntsha Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Rre Lebano Sechele wa kgotla yoo Manyebenyebe yo e leng monana, a re le fa letlhoko la ditiro le ile kwa godimo, dikatso tsa Ipelegeng di mo thusitse ka a kgonne go bona ditlankana tsa gagwe tsa sekole.
A re ka Ipelegeng e berekwa ke mongwe le mongwe, monana le mogolo, bagolo ba ba iseng ba lekane go tsaya madi a bogodi ba inaakantse le yone go itshetsa.
Rre Sechele a re Ipelegeng e botlhokwa, bogolo jang mo metseng e e kgakala le ditlamelo ka mebereko e se kalo.
Rre Ketlogetswe Digelang o boletse fa puso e mo thusitse ka e mo tsenyeditse bana sekole ya bo ya mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, ka a ne a neelwa dipodi di le lesome le bongwe ka 2014 tse a itshetsang ka tsone.
Rre Digelang (52) wa kgotla yoo Sekao o tlhalositse fa Ipelelgeng e le botlhokwa ka Batswana ba le bantsi ba itshetsa ka yone.
Mme Sebane Ontebetse (42) wa kgotla yoo Maditsa a re Ipelegeng ke yone ba tshelang ka yone.
“Letlhoko la ditiro le ile kwa godimo, banni ba motse ba lebile Ipelegeng fela.
Le fa dikatso di se kaekae, ke kgona go ithekala dijo le go ikapesa,” Mme Ontebetse a tlhalosa.
Rre Kgosimore Baiphi yo e leng monana wa kgotla yoo Manyebenyebe o tlhalositse fa ka lenaneo la Target 20 000, puso e file banana monyetla wa go ikoketsa dithuto.
A re bangwe ba dirisitse lenaneo la back-to-school go tsweledise dithuto tsa bone.
Rre Baiphi a re mo godimo ga moo, puso e na le mananeo a a lebaganeng fela le metse ya tennyanateng jaaka bommabontle.
A re ka se, banana ba supa ditalente tsa bone mme ba kgone go itshetsa le go tlhabolola matshelo a bangwe ka bone.
Tampiwa Masaru yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa kgotla yoo Maditsa o boletse fa Ipelegeng e le yone e tshwereng Zoroga.
A re puso e ne ya lemoga fa go le botlhokwa gore e oketse palo ya babereki ba Ipelegeng morago ga gore ba angwe ke dipula tse di neleng ka bokete.
A re ba okeleditswe babereki go tswa kwa go 144 go ya kwa go 155.
O rotloeditse Batswana go dirisa mananeo go itshetsa a re e seka ya re ba a filwe ba bo ba goga dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2017






