Goya o lekodisa morafe ka melao
24 Aug 2017
Mopalalmente wa Palapye, Rre Moisaraele Goya o lekodisitse banni ba masimo a Makoro le a a mabapi ka melao le ditshutiso tse di buisantsweng ke palapmente e e sa tswang go wela.
Rre Goya, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto go tswa moding, a re palamente e buisantse ka melao e le lesome le ditshutiso di le pedi.
A re mengwe ya yone ke ya go fa mookamela dikgolegelo dithata tsa go golola badira molato fa a bona go tlhokega le go atswa bomalomatsebe go ba thusa go tshwara dirukutlhi fa di sutlhile kwa dikgolegelong.
A re molao oo, o mo fa dithata fela fa motho a atlholetswe dingwaga tse di kwa tlase ga lesome.
Rre Goya a re mookamela dikgolegelo o tlaa thapiwa ke tona fa mothusi wa gagwe ene a tlaa thapiwa ke mokwaledi wa ofisi yaga tautona.
A re go tlhalositswe fa go tlaa fodusiwa legolegwa go tswa mo lefatsheng le lengwe go ya kwa go le lengwe fela fa molato o a o atlholetsweng o sa amane le go itseeela dikobo ka dikgoka kana polao ya motho.
Mopalamente o ne a tlhalosa ka molao o mosha wa lekgotla la borukutlhi la boditshaba (ICC) le one palapmente e o fetisitse gore mafatshe a dirisane go neelana dirukutlhi tsa masula a ntwa le gone gore lekgotla leo le letlelesega go ka tshwarela ditsheko tsa lone mono.
O tlhalositse gape ka go godisiwa ga sekole sa thuto ka tlhaeletsano (BOCODOL) go se dira mmadikole, a re seo se ya go tokafatsa boleng jwa thuto le go fa sebaka baithuti dithuto tsa maemo a a kwa godimo.
Fa a itebaganya le molao wa lefatshe la morafe, a re go dumelanwe gore ditsha tsa bogologolo di kwadisiwe le gore beng ba nne le tshwanelo ya tiriso ya setsha (title deed).
A re diphetogo tseo di ya go akaretsa dikgosi ka ke bone ba itseng lefatshe botoka le go dira morero le bone go tlhofofatsa tiro.
A re go kwadisa tiriso ya setsha mo go neng go akolwa ke ba state lands le freeholds, mo go neng go beile ba lefatshe la morafe ka fa mosing jaanong le bone ba ya go akola tiro eo ka tekatekano.
Rre Goya a re go na le batho ba ba ganang go rola fa ba tsewa dinepe tsa Omang, mme a re jaanong molao o ba patika go rola.
A re Omang yo o emiseditsweng ka yo mongwe fa motho a mo latlhile o busediwa kwa diofising tsa Omang.
Ditshutiso tse pedi tse di neng tsa bewa palamente pele e ne e le gotlhongwa ga komiti ya tshekatsheko maduo a dikole le go abela bana badikole tse dikgolwane mesangwana.
A re dithsutiso tse di ne tsa dumelanwa ka bongwefela ja pelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 24 Aug 2017






