Ba ba ikabelang lefatshe ba tlaa tseelwa dikgato
24 Aug 2017
Mothusa mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha la Shoshong, Rre Morapedi Ntwayagae a re Batswana ba ba tsweletseng ka go ikabela lefatshe ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.
E rile a bua mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe mo sekoleng se segolwane sa Mahutagane Junior Secondary bosheng, a bolela fa batho ba le 55 ba ikabetse lefatshe kwa merakeng ya
Letselentle fa ba le 18 ba ikabetse lefatshe gaufi le motse wa Dibete mme ba le bane ba ikabetse lefatshe kwa Kodibeleng.
Rre Ntwayagae o tlhalositse gore batho bangwe ba na le mokgwa wa go ikabela ditsha tsa bonno, masimo, dikgwebo le meraka ba sa dumelana le makgotlana a kabo ditsha jaaka e le tshwanelo.
A re le fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna le setsha sa bonno, seo ga se ree gore Batswana ba ikabele lefatshe ntleng le makgotlana a kabo ditsha.
A re e le ba lekgotlana la kabo ditsha ba tsweletse ka go sekaseka kgang ya batho ba ba ikabetseng lefatshe kwa Letselentle, Dibete le Kodibeleng go bona gore dikgato ba ka tsaya di fe pele ga ba ka fetisetsa kgang eo kwa go ba lekgotla la kabo ditsha la Ngwato kwa Serowe.
Rre Ntwayagae a re le ntswa lekgotlana la gagwe le setse le potietse kana le sekasekile ditsha di le 12 500 mo kgaolong ya Shoshog, o tshwenngwa ke gore mo ditsheng tseo ke ditsha di le 4 000 tse beng ba tsone ba setseng ba dikwadisitse semmuso.
O tlhaloseditse batsena phuthego eo ba ba neng ba akaretsa dikgosi, magosana le baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo gore go kwadisa ditsha go botlhokwa ka jaana ba tlaa neelwa ditlankana tse disha le go nna le tshwanelo ya go adima madi mo dibankeng.
Rre Ntwayagae a re Batswana ba ba nang le ditsha tsa bogologolo e bile ba beilwe ke magosi, mme ba sena ditlankana ba ka kgona go kwadisa ditsha tseo fela fa ba tshwere bosupi jo bo tswang mo dikgosing tsa bone.
E rile mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Mahalapye, Rre Keobopile Kedikilwe a akgela a tlhalosa fa maduo a dithatlhobo tsa lokwalo lwa botlhano le a lokwalo lwa boraro a sa itumedise ntateng ya botlhoka tsebe jwaa baithuti.
Rre Kedikilwe a re le fa maduo mo dikoleng tse dikgolwane a sa itumedise gone ba namediwa pelo ke gore maduo a dikole tse dipotlana ngwaga le ngwaga a a itumedisa.
A re baithuti ba le 20 ba tlogetse dithuto ka ntlha ya boimana monongwaga, mme a bolela fa ditlhotlhomiso di supa fa bana bao ba imisitswe ke borre ba batona e seng baithuti jaaka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kabo ditsha
Date : 24 Aug 2017






