Itseng ka melao - Batshu
23 Aug 2017
Palamente e fetisetse melao kakanyetso e le lesome mme ga seka ga amogelwa e le meraro.
Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu o buile jalo kwa phuthego ya kgotla kwa Timbi kwa Tutume ka Mosupologo.
A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go itse ka melao le diphetogo tse di tlang le melao mengwe gore ba nne le kitso le lesedi ka yone.
Rre Batshu yo e leng tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, a re mengwe ya melao kakanyetso eo e akaretsa paakanyo ya molao wa ikwadiso ya Omang.
O boletse gore mo molaong oo, karata e tla nna le setshwantsho se se bonalang, e sa tseye motho setshwantsho a iphitlhile sefatlhego kana a rwele sengwe mo tlhogong.
A re gape mo molaong oo ga go na go letlelelwa motho go nna le dikarata tse pedi.
A re batho bangwe ba kgona go nna le dikarata tse pedi morago ga go latlha e nngwe mme e re ba bona e e neng e latlhegile ba bo ba sa e buse ba felele ba dirisa dikarata tse pedi.
A re seo e tlaa bo e le molato. A re gape le go tshwarela mongwe Omang, bogolo jang ba machonisa e tlaa bo e le molato o motona, a gatelela ka gore le dikarata tsa batho ba ba tlhokafetseng di busediwe kwa ofising ya Omang.
O ne a ba lekodisa ka molao wa kabo ditsha a re o tlaa bo o letla ba lekalana la kabo ditsha go gapa ditsha tse di sa tlhabololwang di fetlilwe ke lebaka le di le beetsweng.
Rre Batshu o ne a kopa batho go nna le buamaruri fa ba dirisanya le ba kabo ditsha le go tlogela go ipha lefatshe le go ikokeletsa ditsha, a re seo ke molato o motho a ka o elang kgolegelo.
Fa a lekodisa banni ba kgotla eo ka ditlhabololo tse di tsweletseng mo kgaolong, o boletse fa dikago tsa matlo a barutabana kwa dikoleng tsa Moses Mengwe le Denjebuya ka lenaneo la ESP di tsweletse sentle.
A re dikgang tse di neng di tsogile ka thendara ya ditsela tsa Tutume di fedile, ka jalo go emetswe konteraka go simolola tiro.
O tlhalositse fa kokelwana ya Magapatona go solofetswe gore ka Phalane e bo e fedile e dira.
O ne a bolela fa ba lephata la diphologolo ba leka ka natla go koba diphologolo tse di tlhasetseng balemi-barui.
Banni ba kgotla ya Timbi ba ne ba lela ka lenyora le le ba apesitseng kobo ka letshoba.
Ba re ba tswa kgakala ba lela selelo se le sengwe.
Rre Norman Madlebe a re se se ngomolang pelo ke gore metsi a a tshwanetseng go bo a nowa ke batho a nowa ke leruo ka diphaepe tse di dutlang gongwe le gongwe mo motseng metsi a sa goroge kwa bathong. A re batho bone ba nwa kwa nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 23 Aug 2017






