Botlhokatsebe bo ka senya bokamoso - Kgosi
23 Aug 2017
Bangwe ba banana ba itsentse mo mekgweng e e sa siamang ya go inaakanya le ditagi di tshwana le motokwane le majalwa.
Dilo tse di felela di ba senyetsa bokamoso le go ba diga seriti mo setshabeng ntanteng ya boitshwaro jwa bone fa ba sena go di dirisa.
Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Puis Letsholo wa Lobatse o buile fa go nna learogi e le go itsenya matlho a batho.
A re bana ba ba sa itshwareng sentle ba felela ba tlhoka botho le mo batsading.
Kgosi Letsholo a re ba amogela dikgang tse dintsi kwa kgotleng bontsi e le tsa boitshwaro jwa go sa itseeng sentle le tse dingwe tse di amang banni ba toropo eo.
A re baithuti ba dikole tse dikgolwane ga ba reetse barutabana.
O buile fa dikgang tsa baithuti ba ba kgothosang ba bangwe di tswenya thata mo bangwe ba felelang ba seegwa mo sekoleng ka go bo ba le borai mo go ba bangwe.
A re go tsewa menwana o le moithuti ga se selo se se itumedisang botsadi ka go bo ba solofetse tse dintsi fa dithuto di fela.
A re baithuti ba ba tsweletseng sentle mo sekoleng ke ba ba reetsang batsadi e bile ba sa ba tlhokele bagolwane botho.
Kgosi o buile fa batsadi ba tshwanetse go nna ba botsa bana matsogo ka dinako tshotlhe go buisana ka tsa botshelo le go itse se se ba tshwenyang fa ba ntse ba gola.
A re seo se ka dira gore ba kgone go rarabolola mathata a bone ka nako.
A re bana ba ba nnang ba le nosi mo malapeng ba felela ba dira sengwe le sengwe se ba se batlang mo go tsenyang matshelo a bone mo diphatseng ka go bo ba sena tlhokomelo ya batsadi.
A re jaaka boitshwaro jo bo siamemeng e le lengwe la matshego a ga Tautona, o kopile banana go tlotla letshego leo ka go bo le iretswe go aga setshaba.
Mo go tse dingwe, Kgosi Letsholo o ne a akgolela banni ba Lobatse go nna ba tsena diphuthego tsa kgotla go tla go utlwa melaetsa e e amang toropo ya bone.
A re kgotla e diretswe morafe, ka jalo ba ikgolaganye le yone go tla go thusiwa go rarabolola mathata a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 23 Aug 2017






