Breaking News

Dikereke di rapelela Mahalapye

22 Aug 2017

Ba lekgotla la dikereke tsa pholoso la Evangelist Fellowship of Botswana tsa Mahalapye ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye go rapelela motse oo ka Tshipi.

E rile a bua kwa thapelong eo, Kgosi Letsogile Toteng a akgolela dikereke go bo di bone go le botlhokwa go rapedisa motse wa Mahalapye ka o aparetswe ke dilo tse di ntsi tse di maswe.

Kgosi Toteng a re masula ao a akaretsa borukutlhi, bogodu gammogo le botlhoka tsebe ga banana, bogolo jang baithuti ba dikole tse dikgolwane tsa Pekenene le Madiba Senior.

O kopile dikereke go rapedisa thata baithuti ka e le bone ba dirang botlhoka tsebe jo bontsi mo motseng, bogolo jang ka e bile ba sale bannye.

A re ba simolole go tsamaya mo dikoleng go rapedisa bana ka le mo Baebeleng go kaiwa fa thuto ya tshiamo e tshwanetse go simolola motho a le monnye gore a kgone go itse molemo le bosula.

A re go ka nna thona fa dikereke di ka ikgatholosa selo se ka jaanong e tlaabo e le makoko a a senang mosola mo setshabeng ntswa kereke e le lefelo le le siameng ka le rotloetsa lorato, botho gammogo le maithswaro a a eletsegang mo setshabeng.

Kgosi Toteng o ba kopile gape go tsena le mo malwapeng, go ruta bana le batsadi molemo le tshiamo, a tlatsa ka go re ngwana o agega sentle go simolola fela kwa lapeng.

A re ba tshwanetse go biletsa batsadi le bana kwa Modimong gore lefatshe le siame, ke gone dihawa tse dintsi tse di diragalang mo motseng wa Mahalapye di ka felang.

Thapelo eo ya lekgotla la dikereke tsa Evangelist Fellowship of Botswana e ne e simola thero phatlalatsa e e simologang mo bekeng eno, e e tlaa bong e tibagantse le go rapedisa motse wa Mahalapye.

E rile a bua maikaelelo a thapelo eo, Bishop Bakae Makgala a re e le ba dikereke tsa pholoso ba ikaeletse go rapedisa motse wa Mahalapye ka o na le dihawa tse dintsi tse di ka fenngwang fela ke thapelo.

Moruti Makgala a re ba ikopantse e le dikereke tsa pholoso go bona gore ba ka thusa jang motse wa bone, ka e bile thapelo e le yone e ka fenyang tsotlhe tse di sa siameng.

O tlhalositse gape gore ba tsweledisa thomo ya Morena Jeso go rera efangedi mo setshabeng le go ruta batho ka lefoko la Modimo.

A re mathata a a aparetseng motse wa Mahalapye ga se a dikgosi kgotsa baruti fela, mme a raya mongwe le mongwe monni wa Mahalapye, ke ka moo ba boneng gore ba simolodise thero phatlalatsa ya bone mo kgotleng kgolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Aug 2017