Molaodi o kgala dikgogakgogano
22 Aug 2017
Molaodi wa Borwa, Rre Mmoloki Raletobana o gakolotse makhanselara a kgaolo potlana ya Kanye gore fa ba le mo phuthegong ya khansele ke batho ba le bangwefela go sa kgathalesege gore ba tswa mo diphathing tse di farologaneng tsa sepolotiki.
O buile jalo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele mo kanye beke eno.
Go ne go na le dikgang dingwe tse di neng di sa jese diwelang makhanselara ba gagautlhana.
O boletse fa makhanselara ba rumilwe ke morafe go ba emela e seng gore ba nnele go nganga fela mo go sa busetseng sepe.
O boletse fa badirelapuso e le bagakolodi ba bone e bile ba diragatsa dithomo tsa bone.
Molaodi Raletobana o gakolotse gore go bereka ka bongwefela jwa pelo le therisano go ka tlhabolola kgaolo ka ponyo ya leitlho.
O boletse gore fa go na le dikgang tse di masisi di tshwanetse tsa buiwa fela sentle go olwe maikutlo ka gore molemo wa kgang ke go buiwa.
Fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele, Rre Tlhomamo Dibeela, makhanselara ba ne ba ngongoregela lephata la bong go bo ba emisitse madi a go thusa bomme go itlhabolola le go dira dikgwebo go intsha mo lehumeng.
Ba boletse fa go emisa dikopo tsa bomme go kaiwa fa madi a fedile mme puso e ne e le yone e neng e rotloetsa gore bomme ba iteke thata ba ikopele.
Ba boletse fa go le botlhoko thata mo go bomme morago ga go solofediwa go kopa puso gore e ntshe madi a mangwe ba thuse bomme go intsha mo kgatelelong ya lehuma.
Makhanselara ba ngongoregile gape ka fa ditsela di dirwang ka teng mo kgaolong ba bolela fa ba sa itumele sentle ka go lebega ba tshela mmu o e seng one.
Makhanselara bangwe ba Kanye ba boletse fa maemelo a dipalamo tsa setshaba a le mosuke thata, ba kopa gore ditaxi di boele kwa di kileng tsa bo di le teng go bapa le Shoprite.
Ba boletse fa dipampiri tsa diteseletso tsa go rwala batho di emisitswe ka gore go mosuke kwa maemelong.
Ba ngongoregile ka letlhoko la melemo mo Botswana Agricultural Marketing Board ba bolela fa go ba tsaya nako go lata melemo kwa Gaborone, e bile go le turu.
Ba boletse fa lephata la kabo ditsha la ga Ngwaketse le na le sebaka le sa abe ditsha tsa bonno, ba bolela fa le batlhoki ba sa fiwe ditsha tota, le gore ga go wediwe lenaneo la go thusa batlhoki le ba ba sa kgoneng.
Bangwe mo metseng e mengwe ba batla go simololwa marutelo a banananyana ba ba bannye go simolola sekole. (Reception classes)
Mo go tse digwe ba re go phutha madi ke khansele ya Borwa go boutsana.
Ba boletse fa leruo la matimela le gobeya gongwe le gongwe fela le sa phuthwe khansele ya duedisa beng ba lone.
Ba boletse fa mokgwa oo o rotloetsa bogodu jwa leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 22 Aug 2017






