Breaking News

Phepafatso tikologo boikarabelo jwa botlhe

21 Aug 2017

Banni ba Kgalagadi Borwa ba gakolotswe  go phepafatsa tikologo ka go sela  matlakala  mo metseng le metsana ya bone ka nako tsotlhe.
Seo se rotloetsa boitekanelo le botsogo jo bo siameng mo setshabeng.

Metse e ne e iteisana borathana ka phepafatso tikologo le go supa didirisiwa tse ba somarelang matlakala ka tsone go a busetsa mo tirisong e le tsela nngwe ya go itshetsa kwa Maubelo bosheng.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mogolwane go tswa khanseleng potlana ya Tsabong, Rre Isaac Mphafe o ne a tlhalosa fa e le go itshekatsheka ga banni ba kgaolo eo ka fa ba somarelang matlakala ka teng go itsa go gasama ga one ka seo se ka tsenya lotuo malwetse.

Rre Mphafe o ne a supa fa go phepafatsa tikologo  ka go sela matlakala go tshwanetse ga simologa kwa malwapeng le mo metseng e ba nnang mo go yone  le gone go tlhomamisa gore ba a kokoanya ka fa go babalesegileng ka teng go fitlhelela a goroga kwa mabolokelong a one.

A re gape ke go rotloetsa metse e e mo kgaolong eo go tswelela ba dira ka natla ka go ba  tiisa  moko ka go ba abela dimpho le ditlankana le gone go ba ruta tsela ya go boloka matlakala go a busetsa mo tirisong ka mokgwa wa go ba tlhamela ditiro tse ba itshetsang ka tsone.

Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mogolwane go tswa kwa komponing ya   De Beers  Holdings Botswana, Mme Tsholofelo  Malatji o boletse fa letsatsi la phepafatso tikologo le simolotswe go tshwarwa mono ka 1993 e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go babalela matlakala.

Mme Malatji a re mongwe le mongwe ka bongwe o tshwanetse go nna le seabe mo pabalesegong ya matlakala mo tikologong e a tshelelang mo go yone.

O  boletse fa puso e rotloetsa setshaba go sela matlakala mme e le tsela nngwe ya go tlhabolola matshelo a bone ka go ba tlhamela ditiro tsa nakwana tse di fapaanelwang.

A re  banni mo metseng  ka go farologana  mo kgaolong eo ba thapiwa ke khansele go sela matlakala ba dirisa  dikotsekara le baithaopi ba ba atswiwang ba ba tlhokomelang le go gakolola ka fa matlakala a tshwarwang le go bolokwa  ka teng mo malwapeng, mo dikoleng  le mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAUBELO

Event : Phepafatso tikologo

Date : 21 Aug 2017