Go dirisiwa bana botlhaswa go a tshwenya - Kgosi Kgamane
21 Aug 2017
Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re go dirisiwa ga bana botlhaswa go tlhokanang le boikarabelo jwa botlhe gore go itepatepanngwe le gone.
Kgosi Kgamane o boletse matshwenyego a ka Labotlhano kwa Tonota kwa moletlong wa go tsamaisa sentle Kgosi Ramosinyi Radipitse ga mmogo le go ikanisa semmuso Kgosi Bokamoso Radipitse go nna moeteledipele yo mosha wa Bakhurutshi ba Tonota morago ga gore rragwe a ithole marapo ka bogodi.
O tlhalositse gore e re le ntswa dikgang tsa go dirisiwa ga bana botlhaswa kgotsa go thupiwa ga bone di utlwalelwa gantsi kwa mafatsheng a sele, go setse go lemosegile gore le mono gae di tsweletse ka go runya.
Ka jalo a bolela fa go tlhokega gore mongwe le mongwe a rwale boikarabelo go ema kgatlhanong le go runya ga dikgang tse, a gwetlha magosi go ralala lefatshe leno go di goga kwa tlhogong go tswa ka methale ya go di thibela.
O tlhalosa fa dikgosi jaaka e le bone baeteledipele ba merafe e le tshwanelo ya bone gore ba tlhomamise gore banni ba bone ka dinako tsotlhe ba babalesegile.
O tlhalosa fa dikgang tsa go nna jalo di ama segolo bogolo basetsana.
Kgosi Kgamane o tlhalositse fa mo mabakeng a mantsi basetsana ba solofediwa magodimo ke batho bangwe ba re ba ba senkela diphatlha tsa dikole kgotsa mebereko mme kwa pheletsong magodimo ao a fetoge di sele.
A re bana ba go nna jalo ba feletsa ba dirisiwa mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo kgotsa tsa borukutlhi.
Ke gone ka moo Kgosi Kgamane a neng a kopa gore gangwe le gape fa motho a thapa ngwana kana mongwe fela a dire tumalano e e lolameng kwa bogosing le botsadi jwa yo o thapiwang gore botsadi bo nne ka kitso e e tletseng gore ngwana wa bone o thapilwe ke mang a tswa kae a ya go bereka e le eng kae.
O bolela fa go dira jalo go ka thusa go menagane go tila dikgang tsa go thopiwa kana go dirisiwa ga bana botlhaswa.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Kgamane o ne a gwetlha dikgosi lefatshe ka bophara go ititaya ka thupana go tsosolosa matlotlo a di-tsa tlholego a a fitlhelwang mo dikgaolong tsa bone.
O ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke gore dingwe tsa di-tsa tlholego di a senyakwa mme di felele di sena boleng le bokao mo setshabeng.
Kgosi o tlhalositse fa di-tsa tlholego di tlhokana le go somarelwa gore dikokomane tse di tlang di tle di tlhaloganye ka tsone gore go kile ga diragala eng.
A re gape di ka thusa go fetola seemo sa itsholelo ya lefatshe ka jaana di ka dirisiwa mo ditirong tsa bojanala mme di kgone go ngoka bajanala go dira letseno le le ka thusang go diragadiwa ga ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TONOTA
Event : Tlhomo ya kgosi
Date : 21 Aug 2017






