Breaking News

Ba-na-le bogole ba le borobabobedi ba a logile

21 Aug 2017

Baithuti ba sekole sa Re ka Kgona se se tsamaisiwang ke khansele ya Selebi Phikwe ba ne ba ipelela go fetsa dithuto tsa bone. 

Sekolo sa Re ka Kgona se na le dingwaga di le masome a mararo le botlhano se ntse se butswe. 

Se simolotse ka baithuti ba supa mme mo gompienong go setse go na le baithuti ba le 371 ba ba alogileng.

Re ka Kgona o itebagantse le go ruta ba-na-le bogole go dira ka diatla jaaka go roka. 

Sekole se se amogela bana go tswa mo mafelong a a farologaneng mo Botswana.

E rile a bua ka letsastsi la go aloga ga baithuti, molalediwa go tswa kwa ofising ya ga molaodi, Rre Neo Mogorosi a supa fa dialogane di sa tshwanela go itumelela go aloga ga bone fela mme ba lebe kwa morago go bona fa ba kgonneng teng le fa go padileng gone.

Rre Mogorosi a re gore motho a kgone go lemoga bokgoni jwa gagwe o tshwanetse go feta ka dikgwetlho ka ke tsone di ka mo thatafatsang di bo di dire gore a nne le boikarabelo.

Rre Mogorosi o ne a tlhalosa fa go supagetse fa go setse go na le bana bangwe ba ba itlhametseng ditiro morago ga go aloga mo Re Ka Kgona.

Rre Mogorosi a re se se supa fa Re Ka Kgona se ntsha baithuti ba ba nang le bokgoni jwa go ka phadisana le bana ba dikole tse dingwe.

Rre Mogorosi o ne a tlhalosa fa maduo a dialogane a supa fa baithuti ba ne ba itse se ba se etseng kwa sekoleng ka mongwe wa baithuti, Mpho Motseothata a kgonne go tshwara 80 per cent.

Rre Mogorosi o ne a supa fa maitlamo a puso a supa fa mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe go akaretsa ba-na-le bogole.

O ne a tlhalosa fa seo se supiwa ke go tlhangwa ga makalana a a rutang ba-na-le bogole go itirela ka diatla.

E rile a bua boemong jwa baithuti, mongwe wa dialogane, Rre Dennis Mfosi go tswa kwa Mochudi a tlhalosa fa ba tsene kwa Re ka Kgona ba sena kitso epe ya go roka mme mo nakong ya gompieno ba ithutile go le gontsi.

Rre Mfosi o ne a kgothatsa dialogane ka ene go ya go dirisa se ba se ithutileng kwa sekoleng gore ba itlhamele ditiro le go thapa ba bangwe.

Kwa bofelong modulasetilo wa thuto mo khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Dorcus Letlhogela a re o na le tshepo le tumelo mo dialoganeng tsa Re ka Kgona gore ba tlaa tswelela ba dirisa dithuto tsa bone go itshetsa.

Mme Matlhogela o ne a ba rotloetsa go boela magaeng go ya go a tlhabolola ka go tlhama ditiro le go thapa ba bangwe.

Mme Matlhogela o ne a ba rotloetsa go ya go ikopanya le bommaboipelego go ba thusa ka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolodisa dikgwebo, a tlhalosa fa puso e pjutholotse letsogo go thusa ba ba tlhokang dithuso go simolola dikgewebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kaloso ya ba-na-le bogole

Date : 21 Aug 2017