Kgosi Radipitse o akgolelwa botlhaga
20 Aug 2017
Letsatsi la Labotlhano wa beke e e fitileng e tlaa nna lengwe la ditso tsa Bakhurutshi ba Tonota jaaka ba ne ba phophoma ka boitumelo go laela Kgosi Ramosinyi Radipitse gammogo le go amogela Kgosi Bokamoso Radipitse go nna moeteledipele wa bone yo mosha.
Kgotla e ne e tletse thii! Go utlwala dipina, maboko, megolokwane le melodi go supa boitumelo, fa kgotla yone e ne e kganya ka mebala ya lefatshe leno ya botala jwa loapi, bosweu le bontsho.
Dibui ka go farologana di supile fa Kgosi Radipitse e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa mo tshabeng ya Botswana.
Gareng ga dibui e bo e le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane yo o tlhalositseng fa e ne e le ene a neng a tlhomamisa semmuso
Kgosi Radipitse go etelela morafe wa Bakhurutshi ka 1988.
O tlhalosa fa go tlhomamisiwa gaga Kgosi Radipitse go ne go dirilwe ka tsamaiso le therisanyo e e lolameng ke Bakhurutshi fa ba ne ba lemoga gore Kgosi yo o neng a ntse a ba busa ka nako eo Kgosi Bobe Tshipane o ne a setse a godile a tlhoka yo o ka mo tlhatlhamang.
Kgosi Kgamane o pakile fa mo dingwageng tse di masome mabedi le bosupa Kgosi Radipitse a le mo setilong sa bogosi jwa Bakhurutshi, a berekile le ene sentle ka tshwaragano, kagiso, therisanyo le thokgamo go fitlhelela ka jeno.
O tlhalosa fa Kgosi Radipitse e ne e le motho yo o ratang tiro ya gagwe ka pelo yotlhe ka a ne a e dira ka manontlhotlho, bonatla, botswapelo gammogo le ka matsetseleko.
“Kgosi Radipitse e ne e le motho yo o boi, boikobo, lorato e bile a na le tirisanommogo le batho botlhe.
O ne a sa kgetholole ope a tsaya batho ka tekatekanyo,” Kgosi a tlhalosa, a tlatsa ka go re go busa moo ga ga Kgosi Radipitse go nnile le seabe se segolo mo go bopaganyeng morafe go nna seopo sengwe.
O supile fa boeteledipele jo Kgosi Radipitse a bo supileng mo setshabeng ka kakaretso e ne e le go rotloetsa le go tshegetsa serodumo sa puso ya lefatshe leno ya batho ka batho, puso ya kagiso, thokgamo le therisanyo e a tlhalositseng fa e melediwa mathe ke baditshaba.
Fa a tswa la gagwe, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso le ene o ne a paka fa Kgosi Radipitse e ne e le moeteledipele yo o nang le boikanyego mo matshelong a Batswana ka kakaretso.
Mothusa tona o tlhalositse fa boeteledipele jwa ga Kgosi Radipitse bo nnile le seabe se segolo mo go tlotlomatseng Bakhurutshe, mme e bile Kgosi Radipitse a diretse morafe wa gagwe ditiro le ditlhabololo, segolo bogolo ka fa tlase ga lephata la gagwe.
O bile a fa sekai ka kago ya leobo la Tonota gareng ga ditlhabololo tse dingwe, a re leobo leo le agilwe ka mowa wa boithaopo le boipelego ka thotloetso le kemo nokeng ya Kgosi.
Mme Tshireletso o lebogile go menagane thulaganyo ya Bakhurutshi ya go tlhoma kgosi.
A re go bo Kgosi Radipitse a dirile tsamaiso le thulaganyo ya bogosi jwa Bakhurutshi go tlhopha morwawe le morafe o dumelana ka bongwe jwa pelo ke tsela e e faphegileng e lephata le e akgolang.
O tlhalositse fa lephata la gagwe jaaka e le lone le lebaneng le tsa bogosi, ba aga ba tshwere phage ka mangana mo dikgaolong tse dingwe go rarabolola dikgang tsa bogosi ka bo lwelwa.
Mothusa tona o ikuetse mo merafeng go tsaya malebela mo Bakhurutshing go tila dikgogakgogano tse di ka nnang teng tsa go tlhopha baeteledipele ba merafe.
O boletse fa dikgogakgogano tsa go tlhopha magosi di na le seabe se segolo mo go busetseng kwa morago ditlhabololo le ditiro tsa puso.
Mopalamente wa kgaolo yo gape e leng tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng o pakile fa Kgosi Radipitse a ne a nonofile e bile a dirile go le gontsi go isa motse kwa mankalengkaleng mo ditlhabololong.
Rre Olopeng o tlhalositse fa Kgosi Radipitse a tshwaragantse Bakhurutshi a ba agile go nna morafe o o dirisanyang ka dinako tsotlhe ka kagiso le therisano.
Kgosi Radipitse o supile fa go bo morafe wa gagwe o bone go le maleba go mo direla moletlo wa tsamaya sentle e le sesupo sa gore ba ratile ka fa a neng a ba eteletse pele ka teng.
A re o motlotlo ka bone mme e bile o leboga kemo nokeng e ba neng ba e mo e neela le dikgakololo tse ba di mo fileng go busa.
Kgosi Radipitse o supile fa a le se a leng sone ka thotloetso ya morafe mme e bile a eletsa gore ba tswelele ba supe thotloetso eo mo go morwawe, Kgosi Bokamoso Radipitse gore a tle le ene a kgone go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TONOTA
Event : Tlhomo Ya Kgosi
Date : 20 Aug 2017






