Ba-na-le bogole ba rotloediwa go nna le seabe mo ditlhophong
20 Aug 2017
Ba-na-le bogole ba kgaolo potlana ya Boteti ba kgothaditswe go nna le seabe mo tsamaisong ya ditlhopho.
Kgothatso e e ntshitswe ke mogolwane wa IEC, Mme Thabang Tlhase kwa thutopuisanyong ya ba-na-le bogole mo Letlhakane bosheng.
A re maikaelelo a thutopuisanyo ke go rotloetsa ba-na-le bogole go emela ditlhopho gore ba nne baeteledipele. A re fa e le baeteledi pele ba tlaa kgona gore lentswe la bone le utlwale fa ba bua ka dikgwetlho tsa bone.
O ne gape a re maikaelelo ke go ba kopanya gore ba amogane maele ba bo ba age ba bangwe gore ba kgone go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo. Mme
Tlhase a re maikaelelo ke gore kwa bofelong ba bo ba na le nonofo ya go ka emela ditlhopho gammogo le go ka tsaya maemo a boeteledipele.
A re go tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopho go raya dilo di le dintsi, gase kgang ya go tlhopha fela. A re go ka raya go ikwadisa o le ntlhopheng, go ipapaletsa ditlhopho gammogo le go nna moeteledipele.
A re mo tsamisong ya mafatshefatshe ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go tsenelela merero yotlhe ya polotiki, a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo go santse go le thata gore ba bone tshwanelo eo.
Mme Tlhase o ba tlhaloseditse ka tiro ya makhanselara le mapalamente e a reng e itebagantse le dikgaolo tsa botlhophi, ka jalo a re batlhophi ba tshwanetse go netefatsa gore ba diragatsa ditsholofetso tsa bone.
O ne gape a ba lemotsha ka dipaakanyo dingwe tse di dirilweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho gammogo le thulaganyo ya matshine o o tlhophisang.
Modulasitilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o ne a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba fela pelo fa ba batla thuso.
Rre Galeragwe a re ba ipope ditlhopha gore lentswe la bone le utlwale.
A re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le na le sebaka sa go sekaseka morago ga ditlhopho gore di tsamaile jang le gore go ka baakangwa fa kae. O ne a ba kgothatsa go emela ditlhopho a re ba seka ba inyatsa ka gore ba na le bokgoni jaaka mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Thutopuisano
Date : 20 Aug 2017






