Ba Tonota ba tlhomile monana kgosi
20 Aug 2017
Bakhurutshi ba Tonota ba tlhomile Kgosi Bokamoso Radipitse kgosi wa Tonota, a tsaya mo go rraagwe, Kgosi Ramosinyi Radipitse.
Kgosi Ramosinyi Radipitse o rolotse morwawe wa ntlha tiro ntateng ya bogodi ngogola. Morafe wa Tonota o ne o dirile moletlo wa tsamaya sentle ya ga Kgosi
Ramosinyi e bile gape e le peo ya ga Kgosi Bokamoso ka Labotlhano.
Fa a bua le banni ba motse kwa kgotleng kgolo ya Tonota, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o boletse fa Tonota a itshetletse sentle ka bogosi bo neelanwa ka kagiso go sena dikgogakgogano. O boletse fa go le botlhokwa go tsweledisa neelano ya bogosi ka kagiso.
Mme Tshireletso o tlhalositse fa Kgosi Radipitse a le lesego go bo rraagwe a mo file bogosi a santse a le mo botshelong ka a tlaa mo fa maele a tiro e a tseneng mo go yone.
“O mo rute tsamaiso fa a fapoga le fa a na le bagakolodi, kaela ngwana tsela e e tlhomameng. Ga re solofele ape mathata ka kgosi o na le rraagwe yo o tlaa mmontshang tsela. O itseetse masego go tswa go rraagwe, re na le tsholofelo le tshepo ya gore o tlaa tsweledisa tiro e e ntseng e dirwa ke rraagwe,” Mme Tshireletso a tlhalosa.
Mme Tshireletso o kopile Kgosi Radipitse go tshwara morafe wa Tonota jaaka rraagwe a ntseng a o tshwere, a tlhalosetsa kgosi gore rraagwe o ne a baya letlhoko la batho ba gagwe pele ga dikeletso tsa gagwe. Kgosana ya Manyana, Kgosi Bonyana Segwagwe o tlhaloseditse Kgosi Radipitse fa go le botlhokwa go tlhompha batho ba kgaolo ya gagwe gore le bone ba mo tlhomphe.
Kgosi Segwagwe o ne a gatelela fa lefatshe le na le letlhoko la boeteledipele jwa tlhwatlhwa, ba ba itseng kwa ba yang teng le gore ba isa kae morafe wa bone. A re go botlhokwa gore kgosi a nne moeteledipele yo o boikanyego.
Fa a tlhoma Kgosi Radipitse, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane o supile fa Kgosi Radipitse e le modisa wa Bakhurutshi e bile a bolela fa a na le tsholofelo ya gore kagiso e e ntseng e rena mo Tonota e tlaa tswelela. Kgosi Kgamane o gakolotse Kgosi Radipitse fa a tlaa dirisana le maphata a a farologaneng a puso le badirelapuso ka go farologana, a supa fa go le botlhokwa gore a bereke sentle le bone.
O mo gakolotse go tlotla dikgosi tsotlhe tse a tlaa bong a di okametse.
Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana o supile fa Kgosi Radipitse e le ene kgolagano gareng ga morafe wa Tonota le puso mme a mo gakolola go tsaya karolo mo komiting ya ditlhabololo tsa motse gore a tle a itse ditlhabololo tshotlhe tse di diragalang mo kgaolong.
Fa a amogela setilo sa bogosi, Kgosi Radipitse o kaile fa a lailwe ke borrangwaneagwe, bomalomaagwe le rraagwe gore o tshwanetse a busa jang. O tshepisitse fa a tlaa busa Bakhurutshi ka lorato le bonolo, a supa fa a tlaa ba tshwara ka manontlhotlho jaaka rraagwe.
“Ke hano go tsweledisa se ntate a se simolotseng, mme gore ke tsweledise fa ntate a emisitseng teng ke lona Bakhurutshi, ntirang se lo se dirileng ntate. Bogosi ga se botlhale jwa ga ope, ke kopa lo ntlhomphe gore le nna ke lo tlhomphe.
Ke eletsa go thekgiwa Bakhurutshi,” Kgosi Radipitse a kopa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amanda David
Location : TONOTA
Event : Tlhomo Ya Kgosi
Date : 20 Aug 2017






