Breaking News

Boeteledipele jo bo tsepameng bo ntsha maduo

18 Aug 2017

Boeteledipele jo bo lolameng e bile bo tsepame bo ka ntsha maduo mo tirong.

Se se builwe ke moitseanape wa tlhabololo dikitso, Rre Thapelo Ferguson kwa Mochudi mo thutopuisano e e neng e tseneletswe ke setlhopha sa banana go tswa Thamaga se maikaelelo a sone e leng go tlhama koporase go tlhabolola motse wa bone le go tlhamela banana ka bone ditiro.

Thutopuisano e, e ne e rulagantswe ke mokgatlho o o ikemetseng wa Botswana Work Camps Association o tsetlana nngwe ya o neng e leng thotloetso le tlhabololo ya banana.

Rre Ferguson o ne a gakolola banana gore ba tshwanetse go bereka ba le seopo sengwe e bile ba na le baeteledipele ba ba tshephegang, ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.

O ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikhamphani le maphata ka go farologana di wa ntatetng ya boeteledipele jo bo reketlang.

O gatelela gore fa boeteledipele bo sa goge ka fa go tshwanetseng, ga gona jaaka sepe se ka tsamaya sentle.

Rre Ferguson o akgoletse banana go tsenelela thuto-seka-dipuisano ya mofuta oo, a tlhalosa fa e le botlhokwa ka jaana ba santse ba le mo lenaneong la go diragatsa diroro tsa bone.

A re batho ka bontsi ba itatlhela fela mo dikgwebong mme se se le borai ka ba a bo ba sa itse ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng.

O gatelela fa kitso e le botlhokwa a bo a ba rotloetsa go tswelela ba ikoketsa dikitso go ya pele.

A re dikgwetlho di tlaa nna teng kwa pele mme di seka tsa ba kgoba marapo a supa gape fa tlhoka kutlwisisano gareng ga badiri e le selo se se kgonang go emisa ditoro tsa batho mme a ba gakolola fa go le botlhokwa gore ba itse maele a go rarabolola mathata a a tsisiwang ke tlhokakutlwisisano.

Rre Ferguson a re go tlotlana go ka ba kgontshang go tswelelapele a supa fa boeteledipele jo bo lolameng e bile bo tsepame bo berekelwa mme bo tlhoka motho go ikitaya sehuba.

O ne a gatelela fa moeteldipele wa tlhwatlhwa a tshwanetse go direla dilo mo pontsheng ka go tlhoka go dira jalo go ka tsisa dipelaelo mo go ba ba eteletsweng pele mme se se felele se tsisa tlhokakutlwisisano.

O ne a ba kopa go nna baeteledipele ba banana ba ba pharologanyo e bile ba na le maikaelelo a mantle ka se ba batlang go se dira.Phelelo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : THAMAGA

Event : Thutopuisano

Date : 18 Aug 2017