Breaking News

Banana ba Francistown ba inosa nkgo ka thoko

18 Aug 2017

Ga go motlhofo mo malatsing a gompeino gore motho o ka bona mmereko ka jaana letlhoko le ile magoletsa mme se se ama segolobogolo banana.

Le fa go ntse jalo, setshaba se nna se kgothadiwa gore se seka sa tsaya se e le seipato go ikgaratlhela ka motlapele a rile maano a botshelo ga a site go sita a loso.

Kgothatso e, e a wela mo mmung o o lokgarapana ka Mme Leah Mosinyi yo o dingwaga tse di masome mararo, yo o tlholegang kwa Serowe le Rre Khumo Nsala wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi wa Maitengwe ba inaakantse le kgwebo ya go roka kwa Francistown.

Bobedi jo bo tlhalositse mo potsolotsong gore kgwebo e, ba e simolotse ka 2010 morago ga go tsamaya le dikhamphani tse di rokang go batla tiro le mororo ba ne ba sena kitso le lesedi lepe la go roka.

Fela lerato le maikaelelo mo go se ba neng ba eletsa go se dira ya nna tsone di ba tiisang moko go sa leba kwa morago ka ba ne ba na le tshepo ya gore motlha mongwe ba tlaa atlega.

E re ka jaana Modimo o sa je nkabo, bobedi jo, bo tlhalosa fa e ne ya re mo letsholong la bone go batla mmereko, Mme Tabushwa Twins wa madirelo a go roka a Bush Tea a ba thapa mme a seka a ba itsapela, a nna pelotelele go ba tlhatlhelela maele le dikitso tsa ka go roka le go sega letsela ka sa bone e ne e le go kgatlhegela go roka ba sena kitso epe.

“Mme Twins o ne a re ruta botsipa jwa go roka ka lerato le bopelotelele,” ga tlhalosa mme Mosinyi.

A re ka maikaelelo e ne e le go itshimolodisetsa kgwebo, ba ne ba tsenya marapo dinameng go anya mo go Mme Twins.

Mme Mosinyi a re lemme le ba neng ba le amogela, ba ne ba le dirisa go itshetsa mme bontlha bongwe ba bo boloka gore e re pheletsong ba itshimololele kgwebo.

Ngwaga tse tlhano tsa bo di lekane gore bobedi jo bo ka ikemela ba le nosi.

“E ne ya re morago ga sebaka sa dingwaga tse tlhano re setse re kgobokantse ra laela kwa madirelong a Bush Tea jaanong re batla go ya go itshimolela kgwebo e e leng ya rona” ga tlhalosa Mme Mosinyi.

Toro e e ne ya tswa nnete ka e ne ya re ka 2015 ba bo ba simolodisa madirelo a bone a a bidiwang Power Fashions. Le fa madi a ba neng ba a kgobokantse a ne a sa lekana go ka reka tsotlhe tse ba neng ba ditlhoka, ba ne ba reka tsa botlhokwa mme kgwebo ya simologa.

Mme Mosinyi a re go simolola ka didirisiwa di tlhaela, ga go a ka ga ba nyemisa moko ka lepe letsatsi ka ba ne ba itoma wa tlase go ntsha maduo a a bonalang ka se ba nang naso.

A re diaparo tsa bone di ne di kgatlha bontsi mme le ba ba neng ba kile ba reka ba ne ba ipoa seboaboe e bile ba ba tlela ka bareki ba bangwe, selo se a boletseng fa se ne sa ba supa kgatlhego mo bareking.

Kgwebo ya Power Fashions e roka diaparo ka go farologana di akaretsa diaparo tsa manyalo, meletlo ka go farologana, kapari ya itshireletso, di sutu tsa bomme le tsa borre ga mmogo le go baakanya dilwana tse di senyegileng.

Rre Nsala o supile fa katlego ya bone mo kgwebong e le go tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga.

A re mo ngwageng o o fetileng ba ne ba tsere maemo a boraro mo dikgaisanyong tsa go supa kapari mo kgaolong ya Francistown, mme dikatso tsa dikgaisano tseo tsa ba thusa ka ba ne ba kgona go reka didirisiwa tse di neng di tlhaela.

Monongwaga o tlhalositse fa ba ne ba tseneletse dikgaisano tse gape ba phadisanya mo karolong ya kapari mme ba boa ba iponela maemo a boraro ba bo ba kgonne go fetela kwa legatong la makgaolakgang kwa Francistown go ya go phadisanya le baroki ba bangwe.

Bobedi jo bo lebogetse dikgaisanyo tse ka ba re di ba fa sebaka go ipapatsa. Mme Mosinyi o pakile fa tiro ya diatla mo malatsing ano e le yone konokono go ka ipetlela tsela e e molemo ya botshelo mme a gwetlha banana ka ene go itsosa.

A re banana, segolobogolo ba ititeye ka thupana go iphataphatela, a tlhagisa fa phokoje wa morago dintsa di mmona. Phelelo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 18 Aug 2017