Breaking News

Mona-le-bogole o rotloetsa bangwe ka ene go dirisa mananeo

16 Aug 2017

Monana yo o tshelang le bogole kwa Nata o kgothaditse banana ka ene go inaakanya le mananeo a puso ka jaana a sa tlhaole. Rre Mosireletsi Garebee a re o ne a thusiwa ka P61 000 ke lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao.

A re lenaneo le, ke lengwe la mananeo a a ka fenyang selelo sa letlhoko la ditiro le go tlhamela ba bagwe mebereko.

Rre Garebee yo o dingwaga tse di masome a mararo, o tlhaloseditse BOPA fa a ne a simolodisa madirelo a bodiragatsi jwa botaki a a bidiwang Mosi Art Work.
 

Rre Garebee yo o tshelang ka bogole jwa go tlhoka puo mme gape a sa bue, a re go bo a na le bogole ga go reye gore ga a na bokgoni.

A re o tswa bonaneng a rata botaki jaaka go bopa ka mmu le go kwala mekgabisa ka go farologana. Rre Garebee a re o ne a dirile Certificate in Art and Design tse a kgonneng go di wetsa ntle le makgwere ape.

A re le fa theko e le kwa tlase, botshelo jwa gagwe bo tsweletse ka go tokafala. “Gompieno ke tlhola fela mo tirong yame e ke batlang go fetola botshelo jwame ka yone,”  Rre Garebee a tlhalosa.

A re sengwe sa dilo tse di mo kgothaditseng thata mo botaking ke go batla go fitisetsa melaetsa kwa setshabeng.

A re le fa a na le bothata jwa go buisana le batho ka bontsi bo sa tlhaloganye go buisana le batlhoka puo, bangwe ba kgona ka go kwala mme a ba fetole.

Monana yo, a re bodiragatsi jwa botaki ga se mekgabisa fela ka botaki bo ka dirisiwa go fetisa le go somarela melaetsa gore ba ba tlang kwa morago ba e fitlhele.

A re botaki jwa gagwe bo remeletse mo melaetseng ya ditiragalo tsa bogologolo tsa lefatshe leno bogolo jang meriti ya baeteledipele ba lefatshe leno ba pele le ba gompieno le matshelo a merafe ka go farologana.

O lebogetse thotloetseo ya lephata la banana e a reng e mo tiisitse moko, bogolo jang dikgakololo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : NATA

Event : Potsolotso

Date : 16 Aug 2017