Breaking News

BaGammangwato ba robile mo dikgwetlhong

16 Aug 2017

Morafe wa ga-Mmangwato o supile fa o bone thobo e e bonalang le ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng monongwaga.

Se se builwe ke leloko la komiti e e neng e rulagantse letsatsi la go isa thobo kwa kgosing, Mme Gadiwelwe Gaosekwe le le neng le tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya ga-Mmangwato ka Tshipi kwa Serowe.

Moletlo o, o mo ngwageng wa bone o ntse o tshwarwa.

Mme Gaosekwe yo e leng molemi morui, o tlhalositse fa ba kgonne go roba ka pula e ne ya na ka go farologana, mo masimong ka go farologana. A re ba lemile ka dinako tse di farologaneng jaaka bangwe ba lemile ka ditema tsa ntlha fa bangwe ba lemile morago.

A re pula e nele ka sebaka se se leele e bile e na ka bontsi, mme se sa kgoreletsa balemi bangwe go lema, seemo se se neng sa baka gore le yone nako ya go lema e okediwe.

Mme Gaosekwe a re se ga se aka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba itepatepanya le diemo.

A re ba ba neng ba lema pele, ba ne ba tlhaselwa ke nngadule e e neng ya tlhasela dinawa mme ya itsa gore di beye jaaka go ne go solofetswe.

A re seboko se, se ne sa tlhasela mabele le mmidi.

“Ka re ne re na le maikaelelo re ne ra felela re tipa masimo a rona gore re tswe ka sengwe. Ga tla pula e tona ya Dineo, mme ra nna ra itepatepanya le diemo.”

Molemi yo a re phelelong ba ne ba roba thobo fela e e neng ya ba sologela molemo ga mmogo le ba ba neng ba sa lema.

A re bangwe ba ne ba reka metshini e e phothang mme ba duela ka thobo.

Mme Gaosekwe o ne a re borre le bone ba ne ba tsentse letsogo mo thobong a re bangwe ba bone ba ne ba lemile dijo tsa leruo mo bangwe ba rekisang letlhaka le.

A re gompieno thobo e sologela botlhe molemo ka go sena se se latlhwang a re letlhaka le lone ga le latlhwe, le a silwa go direla leruo dijo.

A re thobo ya gompieno ga se ya mabele fela, a re go na le dingwe tse molemi a ka di lemang go itshetsa, a sa tlhole a tsogela kwa marekisetsong tsatsi le letsatsi.

Mme Gaosekwe a re ba rekisa bontlha bongwe jwa thobo ya bone gore ba dire ditiro tse dingwe.

O ne a lebogela magaosi go ba fa sebaka sa go ya go lema, a re ke ka moo ba boetseng kwa kgotleng go ya go leboga thobo e ba e boneng le ntswa
 ba ne ba lebanywe ke dikgwetlho.

Mme Gaosekwe a re ba simolotse go ipaaakanyetsa thobo e e tlang a re ba setse ba ikwadiseditse dipeo, le go rema masimo.

Molemi yo a re balemi ba ipaakanyetsa go oketsa ditema monongwaga.

Ya re a amogela banni, rrangwanaagwe kgosi, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma a re ke ka tshegofatso ya Modimo gore e be ba ipelela thobo. A re go tlisa thobo kwa kgosing ke ngwao e ebileng e le mo lefokong la Modimo.

Kgosi Sekgoma a re o eletsa gore ba ga-Mmangwato ba ikgakolole kgolagano ya bone le Modimo, gore ba golagane le ene ke ba dirile eng le gore ba tshwanelwa ke go amogela masego a Modimo ba dirile eng.

Kgosi o tlhalositse fa letsatsi le, le le botlhokwa mo go bone a re moletlo o o tshwanetse go ba gakolola mathata otlhe jaaka pula ya Dineo, a re le fa go na le matlhoko a a kalo, Modimo o ne a ntse a na le bona go bona gore ba a fenya.

A re ba kgonne go roba ka thata ya Modimo. O ne a re o lopa gore ba tswelele ka go obamela letsatsi le gore ba nonofe mo moweng le mo tokololong. Kgosi o kgothaditse morafe go tsenelela modiro o, a re go a tshwenya go bona bangwe ba gonyela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Moletlo

Date : 16 Aug 2017