Mapodisi a tshwenngwa ke dikotsi
15 Aug 2017
Mookamela Mapodisi a Maun Superintendent Motlhaba Ramaabya a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mogo yone rre wa dingwaga tsedi masome marataro le boraro a latlhegetsweng ke botshelo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe.
Superintendent Ramaabya o ne a tlhalosa fa kotsi eo e dirafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale lesome le motso mo tseleng ya Shorobe-Maun. O ne a bua mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng.
O tlhalositse fa koloi e ya modiro wa Land Rover e ne e nale bapagami bale batlhano go balelwa le mokgweetsi e ne ya pitikologa go bapa le motsana wa Sexaxa.
O ne a tswelela a tlhalosa fa bapagami ba le bararo bone ba robaditswe ka dikgobalo tse di masisi ko sepateleng sa Letsholathebe fa mokgweetsi ene a dule ka dikgobalo tse di potlana.
O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a tlhalosa fa moswi ene a santse ale ko setsidifatsing.
Mo tiragalong e nngwe, Supt Ramaabya are ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana yoo dingwaga tsedi boferabobedi yoo tsenang sekolo sese botlana kwa Matlola Primary School a thudilweng ke koloi kgwedi eno ele lesome le bongwe.
O ne a tlhalosa fa ngwana yoo a ne a bona dikgobalo tse di masisi mme a tlhalosa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Nyangagbwe.
Mo tiragalong e nngwe ee dirafetseng kgwedi eno ele lesome, Supt Ramaabya o tlhalositse fa ngwana yoo dingwaga tse boferabobedi wa kgotlana ya Kgosing a ne a thulwa ke koloi a leka go kgabaganya tsela ya Meno Street.
O ne a tlhalosa fa ngwana yoo le ene a robaditswe ko sepateleng sa Nyangabgwe ka dikgobalo tsedi masisi.
Supt Ramaabya o gakolotse bakgweetsi go nna kelotlhoko thata le go fokotsa lebelo fa ba bona bana le go netefatsa fa ba setse ba kgabagantse tsela.
O ne gape a tlhalosa fa ba itemogetse gore bana ba gatiwa ke dikoloi le mo malwapeng, a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko le go tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore bana gaba gaufi le dikoloi pele fa ba ka emelela mo malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2017






