Breaking News

Kgokgontsho ya masea e a tshwenya

15 Aug 2017

Le fa ntswa go tlwaelesegile gore bana ba ba amanang le kgokgontsho ke ba ba tsenang dikolo, masea a leng gone a tsholwang a kgokgontshiwa ke batsadi ka go itlhokomolosa boikarabeo jwa bone.

Se se builwe ke Kgosi ya Zoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro kwa pitsong ya botsogo ka Labotlhano. O supile fa a tshwenngwa ke kgokgontsho phetelela mo maseeng a dingwaga tse di fa gare ga kgwedi tse di borataro go ya ko tlase.

O supile fa batsadi bangwe ba tlhola ba belege bana motshegare otlhe ba tlhotlhoma le malwapa a rekisang majwala a Setswana, fa bangwe ba tsamaya maitiso ka bone.

A re batsadi ba mofuta o, ga ba neele bana lorato ka ba nna mo modumong le dino tagi.

“Tshwanelo ya ngwana ke go tshelela fa gare ga ga rraagwe le mmaagwe e seng mongwe le mongwe,” go buwa Kgosi Modiro.

A re bana ga ba kgone go tshwaragana le batsadi ba bone le ba bangwe ba losika ka ntlheng ya gore ba tlhola fela mo nageng. A re mokgwa wa go nna jaalo o dirwa ke batsadi fa pele ga batsadi ba bangwe.

Kgosi Modiro a re batho ba latlha ngwao ya bone ka ba itebatsa meila ya botsetse mo ba kgonang go tlogela lesea le bana ba bangwe mme bone ba ye go tlhola ko ba tlholang teng.

“Ngwana ga a kake a tlhokomela ngwana yo mongwe ka a sa itse gore o tshwanetse go mo direla eng gape a seka a dira eng,” go tlhalosa Kgosi Modiro.

O rotloetsa batsadi go ema ka dinao go lwantsha seemo se gore bana ba gole gore banne le botshelo jo bo tokafetseng.

A re batsadi ba tshwaragane go tswa ka maele a go leka go lwantsha seemo seo ka go tla babalela bokamoso ja lefatshe leno.

Fa a mo tlatsa mookamedi mogolwane wa tsa itekodiso ko kokelong ya Gweta, Mme Yvonne Mokandla a re kgokgontsho ya lesea e simolola fela ka tikologo e ngwana a tshelelang mo go yone jaaka go mo apesa diaparo le go mo fa dijo.

A re go tlhoka go mo direla jaalo go ka dira gore ngwana a gole a sa itse gore se se molemo ke sefe.

A re tikologo ya dino tagi ga e a babalesega mo botshelong jwa ngwana ka e tla dira gore a seka a itse tshiamo ka a ithuta mo bathong ba ba mo tikologong ya gagwe. A re gape se se dira gore ngwana a seka a bona dijo sentle mme go dire gore dikotla tsa ngwana di nne ko tlase.

Mme Mokandla a re batsadi ba itshekatsheke ba dirise meila ya bogologolo mo botsetseng gore ba tlhaloganye gore ke eng motho a tshwanetse go bewa botsetse. A re meila eo, e ne e sireletsa ngwana gore go seka ga nna ope yo o tswang ko ntle go ka tsenya ngwana bokoa.

O tladitse ka go supa matshwenyego a batho ba e leng gone ba tsenelelang lenaneo la diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS. A re bangwe ba a tlodisa, bangwe ga ba tle ka nako mme se se dire gore mmele o nne motlhofo go ka gatelelwa ke mogare.

A re ba itemogetse go runya ga malwetse a sa tshelanweng a a tsayang botshelo e bong kankere ya lebele, ya molomo wa popelo le ya borre ya kgeleswa.

A re malwetse a, a bakiwa ke go fetoga ka fa batho ba tshelang ka teng, fa mo gongwe go dirwa ke dijo tse batho ba di jang tse di tlhotlhilweng.

O rotloetsa batho go ithatlhoba ka nako gore ba kgone go thusiwa malwetse a ise a ba gatelele.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Phuthego

Date : 15 Aug 2017