Breaking News

Kgosi o rotloetsa morafe go tlotla nyalo

15 Aug 2017

E re ka nyalo e le motheo wa lelwapa o o tlotlegileng go tsweng goo lowe go lebega batho bangwe bogolo jang banana ba ba nyalanang mo malatsing a gompieno ba sa tlhola ba tlota motheo o, go lebega ba fetotse lenyalo patlelo ebile e le tsela ya papadi ke ka moo dithalano di golelang pele, go buile jalo bosheng, mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Charles Letsholathebe.

Mo potsolotsong le lekalana la BOPA Kgosi Letsholathebe o supile fa nyalo mo nakong ya gompieno e sa tlhole e tlotlwa gape ebile e sena serodumo jaaka pele.

A re go tlhoka go tlotla nyalo mo go bakwa ke gore banana mo segompienong fa ba nyalana ke bone ba ba etelelang manyalo a bone bontsi jwa nako, mme ba felelela ba tsere ditshwetso tse ba di batlang fa gongwe ba sa rerise batsadi mo go bayang manyalo a bone ka fa mosing.

A re bogologolo lenyalo le ne le tlotlwa ka go bo matlhogoputswa bane ba etelela pele manyalo a bana ba bone, ba tsaa ditshwetso tse di tla a sologelang lenyalo la bana ba bone molemo.

Kgosi Letsholathebe o ne a tswelelela a supa fa mo gongwe go bakwa ke gore banana ba segompieno ga ba sa tlhole ba tsenelela dikole tsa bogwera le bojale kwa ba rutiwang ka lenyalo le go sugiwa ke mabutswapele pele fa ba ka tsena mo lenyalong.

A re seo se ne se direlwa gore fa ba tsena mo lenyalong e bo ba ka nna le maikarabelo le tlotlo mo manyalong a bone le go lebagana le dikgwetlho tse di tlaa tlhagogang mo manyalong a bone.

O ne a tswelelela a tlhalosa fa banana bangwe ba sa tshabe go inyadisa le ditsala tsa bone ba sa rerise batsadi mme e re morago fa go na le bothata magareng ga bone jo bo tlhokanang le dikgakololo tse di tswang mo botsading ba palelwe ke go kopa bogakolodi mo batsading mme ba felele ba itseetse ditshwetso tsa go tswa mo nyalong.

Kgosi Letsholathebe a re batho bangwe ba tsaya nyalo lolea, mo ba tsenang mo go yone ba gabile dikhumo le madi mme ba sena lorato mo go ba ba tsenang le bone mo lenyalong maikaelelo e le go baka thalo fa ba bone se ba se batlang.

“Fa gongwe khumo kana madi di kgona go fela, mme motho a tswe mo lenyalong ka gore se a neng a se rata se fedile,” ga bua Kgosi.

Kgosi o tlhalositse fa dikole tsa bogwera le bojale di ka busetsa serodumo sa lenyalo fa banana ba ka rotloediwa go di tsenelela. A re fa banana ba ka tsenelela dikole tse pele ga lenyalo, go ka ba thusa go tlhaloganya bokao jwa lenyalo le boikarabelo jwa go tsena mo lenyalong.

O rotloeditse batsadi go etelela pele manyalo a bana ba bone, ba fe banana bogakolodi jo bo tseneletseng ka lenyalo kana ba kope thuso mo bagakoloding ba manyalo ba ba gaufi le bone go busetsa serodumo sa lenyalo.

Kgosi o ne a rotloetsa banana gore e re pele fa ba nyalana ba tsee sebaka go tlhaloganya mekgwa le maitshwaro a bao ba ba ba eletsang go tsena le bone mo nyalong, ba seka ba itlhaganelela go tsena mo lenyalong a bo e le gone ba simololang go tlhaloganya bakapelo ba bone ka seo se ka baa lenyalo ka fa mosing.

O ne a tswelela a gakolola gore banyalani ba tlotle maikano a ba a dirang fa ba nyalana, a gore ba tlaa kgaogangwa ke loso, ba seka ba tsaa mafoko ao lolea ka seo e le boleo fa pele ga modimo.

E re ka nyalo e se kgwebo, Kgosi Letsholatlhebe o rotloeditse banana gore ba seka ba tsena mo manyalong e le tsela ya go batla go huma kana go amoga batho dithoto tsa bone ka seo e le borukuthi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 15 Aug 2017