Dikole tsa Okavango di gapa dikgele
15 Aug 2017
Baithuti ba dikole tsa kgaolo ya Okavango ba ne ba tsabakela kwa moletlong wa kabo dimpho wa bao ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone.
Dikgaolo potlana tsa kgaolo ya bokone bophirima di ne di le tharo tse di neng di phadisanya mme di le pedi di tswa mo kgaolong ya Okavango e bong Gumare le Shakare sub region fa ya borarao e le Maun sub region.
Moithuti wa sekole se segolwane sa Shakawe Senior Secondary, Mme Pekenene Omogolo go tswa kwa Shakawe region one a tlhophiwa yo o gaisitseng baithuti botlhe ba lokwalo lwa botlhano (BGCSE) mme one a fiwa trophy le P3 000.
Ba ba fitlheletseng maemo a lesome a kwa godimo ba ne ba tswa kwa Maun Senior Secondary fa Mme Omogolo e ne ya nna sekgwantshwane fela kwa Shakawe.
Shakawe region e ne ya ipoeletsa gape mo Junior School, jaaka Dikhezi Ogaufi wa sekole sa Shakawe le ene e nna moithuti yo o gaisitseng mo kgaolong ka bophara fa mo dikoleng tse dipotlana, Therisa Seyanokeng wa sekole sa Ikoga go tswa mo Gumare region (PSLE) a ne a gaisa botlhe.
Bafenyi botlhe ba ne ba ikgapela dikopi le madi fa dikole le tsone gammogo le barutabana ba ne ba lebogelwa maiteko a bone ka ditlankana.
Mo dikoleng tse di gaisitseng, dikole tsa Maun region di ne tsa itlhoma kwa pele di gapa maemo a ntlha. Sekole sa Maun Senior, Tsodilo Junior tsotlhe di mo Maun mme se sebotlana sa Kgosietsile go tswa Mababe sa nna sone mmampodi wa tsotlhe tse dipotlana mo kgaolong.
Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosi Leretetse Mogalakwe o rotloeditse baithuti go tswelela ba dira ka natla a tlatsa ka gore thuto ke konokono mo botshelong.
A re ba tshwanetse go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso mme ba tsepama mo thutong ka jaana e le yone fela e ka ba betlelang bokamoso jo bo eletsegang.
Ba ba sa fiwang dimpho, Kgosi Mogalakwe o ne a ba kgothatsa gore ba se ka ba ngosela a tlhalosa fa thuto e se mabela e bile e sa kgetholole a re se se botlhokwa ke go itsaya ka tlhwaafalo gore ba bone maduo a mantle.
“Thuto ga e lebele gore o ngwana wa ga mang, o tswa mo lelwapeng la bahumi kana bahumanegi, yone e batla moithuti yo o iketeileng sehuba a bereka ka botswapelo le bonatla,” a tlatsa jalo.
Kgosi Mogalakwe a re baithuti ba tshwanetse go tlhaloganya gore selotlolo sa botshelo jwa bone go ya pele se mo diatleng tsa bone ka jaalo a ba kgothatsa go bala ka nako tsotlhe.
A re e le boetedipele jwa kgaolo ba tshwenngwa thata ke maduo a a sa kgatlheng a dikole mo kgaolong a re ba na le tsholofelo ya gore seemo se tla tokafala. Ends
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Dikgaisano
Date : 15 Aug 2017






