Nyeletso lehuma e fetola botshelo jwa ga Tiroyaone
15 Aug 2017
Monni mongwe wa Tonota Rre Thokweng Tiroyaone yo o dingwaga tse di masome a supa le boraro o supile fa a ipelafatsa ka dipodi tse a di filweng ka thuso ya lenaneo la puso la nyeletso lehuma.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Tiroyaone o tlhalositse fa a leboga go menagane puso go bo e ne ya simolodisa mananeo ka go farologana ka maikaelelo a go leka go nonotsha seemo sa itsholelo ya Batswana ka kakaretso.
O tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2012, a sena go utlwalela ka mananeo a go nna jalo ka banni bangwe ba ba neng ba setse ba segofetse mo go one, a seka a tlhola a re ka moso.
“E ne ya re ke sena go utlwalela ka mananeo a a leng teng a puso e ikemeseditseng go re inola mo lehumeng le le tseneletseng, ka ikgogela gaufi le ofisi ya tsa boipelego ya Tonota go ya go tlhalosediwa ka botlalo ke bodiredi jo bo maleba jo,” a bolela jalo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga ditlhaloso tse di tseneletseng tseo a kgatlhegela go tsenya kopo ya go thusiwa ka dipodi.
A re kopo ya gagwe e ne ya tsaya sebaka ntateng ya gore kgaolo ya Tonota Bophirima kwa a neng a eletsa go ruela teng e gomagomediwe ke matshosetsi a bolwetsi jwa tlhako le molomo. Fela a re a amogela seemo mme a leta ka tshepo le tumelo gore motlha mongwe tsotlhe di tla apara tshiamo.
Ka tsholofelo e sa latse nageng, Rre Tiroyaone o bolela fa e ne ya re ka ngwaga wa 2014 a bidiwa kwa di ofising tsa boipelego mme ba ne ba mo rolela fa kopo ya gagwe ya go thusiwa ka dipodi e atlegile.
“Ke ne ka phophoma ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe morago ga go utlwa mafoko a a monate ka ke ne ke itse jaanong gore botshelo jwa me bo a fetoga ke nna morui.”
A re o ne a abelwa dipodi di le lesome le boraro, fa mo go tsone di le lesome le bobedi e ne e le tse di namagadi le e tonanyana e le nngwe.
O supa fa e ne ya re go le pele a ise a bone dipodi tse a neng a nna ka botshelo jo bo tletseng ka dipotso gore mme fela o ikaegile ka eng sa botshelo.
Mo bogompienong, Rre Tiroyaone a re o ipela ka dipodi tse ka di mo fang seriti mo botshelong jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe.
Dipodi tsa gagwe mo nakong eno di setse di atlile ka di le masome a mabedi le boraro mme o di ruetse jalo kwa masimong a Bonwa-Ntsa.
O bile a leboga go okediwa ga madi a go rekiwa ga dihutshane ke puso go tsweng kwa go P700 go ya kwa P1 000 tse di namagadi fa tse di tonanyana di okeditswe go tsweng kwa go P1 400 go nna P2 000.
Go sale foo, Rre Tiroyaone o ne a paka fa temo thuo fela jaaka go tsweng Goo Lowe e na le seabe se segolo go ka fetola matshelo a Batswana fela fa e ka tsewa tsia.
O kgadile bobe batho bangwe ba ba nnileng sego go akola mananeo a puso mme e re morago ba leseletse dikgwebo tsa bone di phutlhama.
A re go dira jalo ke go busetsa maiteko a puso kwa morago a go leka go nonotsha itsholelo ya Batswana, mme e bile go lomeletsa ba ba tlang kwa morago ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a.
O gakolotse fa go bereka ka thata go na le maduo, akopa batho go sa adima tshwene marapo. Ends
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TONOTA
Event : Potsolotso
Date : 15 Aug 2017






