Toropo ya Selebi Phikwe e tsosolosa ngwao
14 Aug 2017
Batswana ba tshwanetse go leba kwa morago go sekaseka fa ba fapogileng tsela gone, ka go supafala fa ngwao e nyelela ka bonya mme bontsi jwa batho ba sa kgone go lemoga seo.
Seo se builwe ke molalediwa wa tlotla, Kgosi Sue Sesinyi wa Bokaa kwa Kgotleng ya Kagiso kwa Selebi Phikwe ka letsatsi la ipelelo tsosoloso ngwao le matlotlo a tlholego.
Kgosi Sesinyi a re lefatshe la Botswana le bopilwe ka merafe e e farologaneng, mme e bile bangwe le bangwe ba na le puo, kapari le ngwao ya bone, mme seo se sa dire gore go nne le kgethololo le lenyatso mo merafeng ka go farologana.
Kgosi a re e le baeteledipele ba merafe le puso ya Botswana, ga ba eletse seo se ka kgaoganya setshaba ka mabaka ape fela.
Kgosi Sesinyi o tsweletse a tlhalosa fa Batswana ba latlhile ngwao le tsamaiso ya nyalo ya Setswana le ka fa ngwana a neng a godisiwa ka teng. Kgosi a re mo nakong e e fitileng, ngwana e ne e le wa motsadi mongwe le mongwe, mme seo se dire gore malwapa a bopagane .
Kgosi a re nyalo ya nako ya gompieno e fedile boleng, ka mo nakong ya bogologolo nyalo e ne e rerwa ke batsadi ba ba nyalani ka bobedi mme se se dire gore malwapa ao a tshwaragane gammogo le nyalo ya teng.
Kgosi Sesinyi o ne a kgothatsa barulaganyi ba meletlo ya ngwao go nna ba tshwara meletlo ya go nna jaana fa dikolo di tswetswe gore bana ba dikolo ba kgone go ithuta le go itsi se se tlhokwang mo go bone.
E rile a bala molaetsa wa kgothatso boemong jwa Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, molaodi wa Toropo ya Selebi Phikwe, Rre Patson Dibotelo o ne a tlhalosa fa go itumedisa thata go bona baeteledipele ba Selebi Phikwe ba tsere kgato ya go tsosolosa ngwao le ntswa ba nna mo toropong.
Rre Dibotelo o ne a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go ipela ka ngwao ya gagwe go sa kgathalesege gore o tswa ntlha efe ya lefatshe.
Rre Dibotelo o ne a supa fa go ka nna molemo gore meletlo ya go tsosolosa ngwao e dirwe ngwaga le ngwaga go ikgakolola ngwao ka ke yone e lefatshe le tlhametsweng mo go yone.
Kwa bofelong, Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a lebogela ke mo nokeng ya ba lekgotla la SPEDU, ka ba se nke ba ba akgela diatla fa ba kopa thuso mo go bone, mme a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo.
A re baeteledipele ba toropo le morafe ka karetso ba supile kemo nokeng ka go ntsha se ba nang le sone gore tiro e atlege. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Ipelelo ngwao
Date : 14 Aug 2017






