Breaking News

Bagwebi ba supa bokgoni

14 Aug 2017

Molaodi wa kgaolo ya bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego o akgotse bagwebi botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira ka natla mo dikgwebong tsa bone.

A re ba supile fa lenaneo le bereka ka jaana dikgwebo tsa bone di dira sentle, a tlatsa ka gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela go lemoga gore motho o ka inaakanya le mananeo ao go fetola botshelo jwa gagwe.

Molaodi o buile seo kwa ditshupong tse di neng di rulaganyeditswe bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. Di ne di rulagantswe ke ba khansele potlana ya Maun.

Rre Leipego o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go fa bagwebi sebaka sa go ipapatsa le go simolodisa botsalano ma gareng ga bone ga mmogo le bareki.

A re o dumela fa ditshupo tseo, di tla ba tswela mosola ka jaana batla tsaya botsipa le maele mo go ba bangwe mme ba bo dirise go godisa dikgwebo tsa bone.

O tsweletse a re mangwe maikaelelo a puso a magolo ke go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko, le go ba ntsha mo lehumeng la nta e tshetlha, ke ka moo go neng ga simolodisiwa lenaneo la nyeletso lehuma.

“Fa e sa le lenaneo le le simololwa ka ngwaga wa 2010, batho ba ne ba bona dithuso jaaka go rekelwa dihutshane, go simolodisa ditshingwana tsa merogo, dimausu, kgwebo ya go adimisa ditante, thuo ya dikoko le tse dingwe.

Mme gompieno, bao ba ba ikopetseng matshelo a bone a fetogile thata ka ba kgona go inosa metsi,” a tlhalosa jalo.

Rre Leipego o boletse fa mo kagolong ya Ngami ba kgonne go simolodisa dikgwebo di le 3 205, mme mo go tsone di le 1 658 e le tsa khansele potlana ya Maun.

A re mo go tsone, di 1 343 di a dira e bile dingwe di gatetse pele mo go kgotsofatsang fa dingwe di sa ntse di tlhotsa.

A re go le gantsi ba itemogetse fa dikgwebo di phutlhama ka ntlha ya letlhoko la metsi, bogolo jang dikgwebo tsa temo thuo, malwetse a dihutshane le dikoko, fa lebaka le lengwe e le go tlhoka mmaraka o o tsepameng.

Molaodi a re go supegetse gape fa bagwebi bangwe ba ngosela go dira ka jaana ba dira dikgwebo tse ba sa di rateng.

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa morafe ka kakaretso go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo go re a ntshe maduo a a solofetsweng. A re go a tshwenya ka bangwe ba na le mokgwa wa go nna maoto a tshupa le ntswa ba na le bokgoni jwa go itirela.

E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule a tlhalosa fa ditshupo tseo e le thotloetso mo bagwebing go ba batlisa mmaraka.

A re ba eletsa go bona bagwebi bao ba gola ba bo ba tlhamela ba bangwe ditiro jaaka e le maikaelelo a puso. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : Maun

Event : Ditshupo

Date : 14 Aug 2017