Breaking News

Go ipaya ditsha go dia ditlhabololo

14 Aug 2017

Mokwaledi wa lekgotlana la Kabo Ditsha la Mogoditshane Rre Anthony Bashingi a re  maiteko a go fefosa kabo ya ditsha kwa kgaolong ya Mogodisthane, a kgorelediwa ke seemo sa kgolo yabo maipaafela mo go tsweletseng ka go gola  kwa kgaolong eo.

Erile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Mogodithane bosheng, rre Bashingi a supa fa mo nakong eno ba engwe pele ke dikgang di feta makgolo a mane (400) tse tiego ya tharabololo ya tsone go ememeng pele maiteko otlhe a go ka aba lefatshe.

A re kgaolo ya Mogoditshane e tsweletse ka go hupediwa ke dikgang tsa bo maipaafela ba ba sa amogeleng dikgakololo ka bodiphatsa jwa ipaya lefatshe kgatlhanong le thulaganyo ya peo ditsha ka fa molaong.

A re ba tshwengwa ke dikgalo tsa morafe go re ba rotloetsa go ipewa ga lefatshe  ka go diegela go aba ditsha, mme a tlhalosa fa tiego e rotloetswa ke bontsi jwa dikgang tse di emeng lekgotla pele ka jaana di tlhoka go seka-sekwa mo go tseneletseng pele di ka tseelwa ditshwetso.

A re kgaolo eo e faraferwe ke madubadube a dikgang tse di sa rarabologeng ka jaana bontsi jwa batho ba ba amegang ba tsweletse ka go ikgatholosa go dirisanya le ofisi ya gagwe.

Rre Bashingi o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolo tse di amegileng segolobogolo e le tsa Nkoyaphiri, Goo-Selaledi, Tsolamosese Ledumadumane, Gabane magareng gatse dingwe.

O tlhagisitse baba amegang go itse fa go se ka fa ba ka tsietsang tsamaiso ka teng, ka go thalosa fa thulaganyo e tsepameng e dirilwe go kgaoganya tiriso ya lefatshe (layout) go itse gore tebego ya kgaolo ene entse jang nako ya fa go dirwa moalo ka 2009.

A re ere ntswa go na le taelo ya ga tautona ya go abela bana ba masimo kwa dikgaolong tsa  Kgaphamadi, Gosethebe, Kodibana le Tlape, dikgang tsa go ipelaetsa ka masimo ga bangwe go  kgoreletsa go fefoga ga thulaganyo eo.   

Rre Bashingi o tsweletse a tlhagisa ba ba inaakantseng le go reka lefatshe la morafe mo bathong bangwe gore ba itse fa go dira jalo ele go latlha madi ka go sena ka fa thulagango eo eka tsepamisiwang ka teng mme ele tlolo molao.

Mokwaledi wa kaboditsha o tsweletse a lekodisa phuthego ka molao o mosha o mogo one ba ba ikabetseng lefatshe ba yang go le amogwa ka tiriso ya molao o mosha wa go gapa dithoto di akaretsa dikago tse di seng ka fa molaong.

Mopalamenete wa kgaolo ya Mogoditshane Rre Sedirwa Kgoroba, a re ere ntswa a rotloetsa ba kabo ditsha go tsibogela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa kgaolong eo gore batho ba ba  letileng ka lobaka go bewa, ga a kitla a ema nokeng ope yo o ithophetseng go ipaya  lefatshe kwa kgaolong eo.

Rre Kgoroba are e tlaabo ele go ikgatholosa tsamaiso jaaka moteledipele wa morafe go e ma nokeng palo potlana ya bao ba ipayang lefatshe kgathanong le bontsi jo bo letile ka boineelo go diragadiwa ga tsamaiso ya peo ya ditsha.BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Mogoditshane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Aug 2017