Breaking News

Dikhwaere di thusa go gasa molaetsa wa ditlhopho

14 Aug 2017

Dikhwaere tsa kgatleng di itlamile go thusa go gasa molaetsa ka ditlhopho tse di tlang ka mmino le dipina tse dinang le molaetsa wa boleng ka mananeo a masha a ditlhopho.

Fa a bua ko thuto seka dipuisano e e neng e tshwaretswe kwa Phuthadikobo Museum ka Labotlhano ko Mochudi, Moeteledipele wa ofisi ya ditlhopho mo Kgatleng Rre Gakenosi Motshwarakgole o tlhalositse fa dikhwaere di ka anamisa molaetsa ka bonako mo metseng e farologaneng ka ebile di le dintsi mo Kgatleng.

O boletse fa dikhwaere di le botlhokwa mo balateding ba tsone  mabapi le ditlhopho ka di ka ba fetisetsa molaetsa ka bonako mme gape ba o fetisa ka tsela e nang le kgogedi ka mmino le dipina tse di amanang le tlhopho.

Rre Motshwarakgole o boletse fa moono mogolo wa ofisi ya bone e le go netefatsa fa molaetsa wa ditsamaiso tse disha o gorogile ka nako mo batswaneng pele ga go iwa ditlhophong ka jalo go dirisana le dikhwaere  ke tsela nngwe ya go gorosa molaetsa ko batswaneng.

O tlhalositse fa a na le tsholofelo ya go tswelela ba dirisana le dikhwaere go gasa molaetsa fa ba ntse ba tsweletse le mananeo a mangwe a ditlhopho go fitlhela ka letsatsi la ditlhopho.

O kopile Batswana go tswa ka mananeo a mangwe mo dikgaolong tsa bone go fetisa molaetsa wa ditlhopho.

Modulasetilo wa Sedibelo Choir, Rre Aron Ogopoleng o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho ka Bakgatla ba na le kgatlhego e ntsi thata mo dikhwaereng mme jalo molaetsa o tla amana le lefatshe ka bophara.

O boletse fa ba tla gatisa dipina ka mananeo a masha a ikwadiso ditlhopho mme ba di rekise mo batswaneng le go di romela ko setshwantshong sa motshikinyego le diromamowa ka go farologana go gasa molaetsa.

Rre Ogopoleng o boletse fa go tla nna le dikgaisano tsa dikhwaere tse di lesome le botlhano ka dipina tse di nang le melaetsa ya ditlhopho kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa khwaere ya bone kgwedi e tlang ka boipuso ko mabaleng a sedibelo go batla mofenyi.

O tlhalositse fa mofenyi a tla ikgapela P10 000 le kopi, fa ya maemo a bobedi e tla fiwa P8 000 le kopi mme ya boraro e fiwe P6 000 le kopi.

A re tse dingwe tse di setseng di tla fiwa P4 000. BOPA

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : Mochudi

Event : Thuto puisano

Date : 14 Aug 2017