Breaking News

Keleetse o nwa lenaneo moro

14 Aug 2017

Go le gantsi Batswana ba tsaya mananeo a puso ntswa ba sena bokgoni jwa go dira tiro e ba e kopelang dithuso mme seo se bake gore dikgwebo kgotsa mananeo a felele a phuthama.

Rre Ontaile Keleetse wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi (52) wa motse wa Thabala o supile gore go dira tiro o na le lorato mo go yone go ntsha maduo a mantle fela thata.

Rre yo, yo o simolotseng a sena le fa e le leruo ka ntha ya go nna kobo dikhutshwane a re o ile a kopa thuso mo go ba LIMID go reka dkgomo.

A re o ne a sale a nnile le lorato la go ruwa ke ka moo e rileng go utwalela lenaneo la LIMID a tsaya tshono ya go diragatsa toro ya gagwe.

Morui yoo a re o ne a thusiwa ka madi a kana ka P12 000 ka ngwaga wa 2010 mme a reka dipodi di le lesome le bobedi le dinku di le thataro .

Rre Keleetse o supile fa loeto la gagwe le ne le se motlhofo ka e ile ya re ka ngwaga wa 2013 ba ile ba tlhaselwa ke leuba le le ileng la tlogela diruiwa tsa gagwe di sule ka dipalo tse dintsi go setse dipudi di le tharo le dinku di le tlhano.

A re mme ka a ne a na le maikaelelo, ga a ka a letlelela se go mo tsenya boitlhobogo kgotsa go mo kgoba marapo.

Bonnyenyane ja dihutshane tse a neng a setse ka tsone, o tlhalositse gore o ile a nna pelotlelele le tsone go fitlhela di atla.

A re mo sebakeng sa gompieno o ikgantsha ka dipudi le dinku tsa gagwe di atlileng fela thata ka dipalo tse dintsi ka jaana dipodi le dipotsane tsa tsone tsotlhe di le masome a mane le borataro mme dinku tsone le dikonyana di le masome a mararo le bone.

O tsweletse ka go tlhalosa gore go swa ga dihutshane tsa gagwe ke leuba go ile ga mo godisa tlhaloganyo a tlelwa ke mogopolo wa go reka dikgomo a dirisa dipodi tse a nang le tsone ka ebile a sa bolo go eletsa go ipona e le mongwe wa barui ba batona mo kgaolong ya gagwe..

O tlhalositse gore ka dipodi di le nne o ne a reka kgomo e le nngwe, mme mo nakong ya gompieno ke morui yo o nang le dikgomo di le boferabongwe le marole a tsone a le mane.

Rre Keleetse a reo itumelela gore o ile a kgona go fitlhelela maitlamo a gagwe a setse a kgonne go reka dikgomo tse le tsone di setseng di atlile.

A re lenaneo le la LIMID le mo tswetse mosola fela thata ka jaana e ne e le motho yo o sa berekeng ene le mohumagadi wa gagwe mme ka thuo ya dihutshane tse, o kgonne go tsenya bana ba gagwe ba bararo sekolo a sa sokole mo go ba rekeleng paka ya sekolo le go ba duelela tsotlhe tse ba neng ba di tlhoka kwa sekolong.

O tsweletse ka go tlhalosa gore ka e le motho yo o sa yang gope le sekolo,o ikaelela go ngangatlela ka matsogo oo mabedi se puso e mo fileng sone mme ebile mo nakong eno o setse a kgonne go tsenya pompo kwa lwapeng la gagwe, jaanong o na le maikaelelo a go aga ntlo ya bonno.

Mo potsolotsong le lekalana la BOPA o tlhalositse jaana a re “Leruo le lame le mphile seriti thata ka le nkitshitse mo lehumeng. Ke ne ke tshela ka go kopa batho mashi mo masimong, re sena le fa e le seshabo.”

Rre Keleetse o supile gore le ba ofisi ya LIMID ba itumeletse thata ka fa a dirang ka teng mo ebileng ba supile kgfatlhego le keletso yago batla go reka mo go ene.

A tswelela ka supa gore o leboga thata “Puso e ntshitse mananeo a mantsi a tlhokang rona batho go a tsaya go e intsha mo lehumeng, fa o tlhokomela ebile o tsaa ka tlhwaafalo dithuso tse di ka re isa golo gongwe.”ga digela jalo Rre Keleetse a tletse monyenyo a labile leruo la gagwe. BOPA

Source : BOPA

Author : Boikobo Monageng

Location : Thabala

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2017