Breaking News

Bobelotlhomogi bo maungo

13 Aug 2017

Madirelo a didirisiwa tsa kago a K Build mo Tsabong ba tshwaraganye le ba Babatona Social Club ba supile mowa wa setho, kutlwelobotlhoko le lorato mo go Mme Baikgantsi Motsewapuo ka go mo agela ntlo ya dikamore tse tharo morago ga go shelwa ke ntlo.
Fa a bua kwa moletlong wa go aba ntlo eo, molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo mo boemong jwa ofisi ya ga Tautona o ne a bolela fa mokgosi wa ga Tautona mo bagwebing, dikompone, dikereke maphata a puso, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go gopola ba ba tlhokileng lesego, o amogetswe ka oo mabedi.
O ne a tlatsa ka go re Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o beile motheo o o tswelelang o ama matshelo a Batswana khutleng tse nne tsa lefatshe mme o a fetole go nna botoka.
O ne a kaya fa ntlo eo ya lenaneo la Presidential Housing Appeal e le ya makgolo a supa masome a mane le bongwe, a a tokafaditseng matshelo a ba le bantsi ka go nna le bonno jo bo eletsegang go ralala lefatshe ka bophara.
Rre Mathumo o ne a phophotha legetla ba K Build le Ba Batona Social Club ka tiro e ntle e ba e dirileng, ka bonno e le jone konokono mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe ka bo mo fa seriti.
Rre Mathumo fa a rolela Mme Motsewapuo ntlo e e agilweng ka madi a P73 000 o ne a supa fa e tla mo tlotlomatsa gore le ene a ikutlwe a na le seriti a tshwana le batho ba bangwe.
O ne a mo gakolola go tlhokomela ntlo eo ka go e phepafatsa ka nako tsotlhe gore e tle e kgone go mo sologela molemo mo lobakeng lo loleele.
Molaodi o ne a tlatsa ka go supa fa bonno jo bo siameng bo na le seabe se setona mo thutong ka bo kgothatsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka jaanong ba tla a bo ba sa kgorelediwe ke sepe.
Rre Mathumo o ne a tlatsa ka go supa fa Babatona Social Club e le sekao mo setshabeng, mme a gwetlha mekgatlho e mengwe ya kgwele ya dinao go gopola ba ba dikobo dikhutshwane.
Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa Babatona, Rre Lucky Lorekang o tlhalositse fa ba ne ba dumalana le maloko go thusa Mme Motsewapuo ka go ne go sena fa a latsang tlhogo teng, gammogo le bana ba gagwe morago go shelwa ke ntlo ka 2013.
O kaile fa ba ne ba kokoanya madi ka go kopa dithuso mo bagwebing le mo ditlhopheng tse dingwe tsa kgwele ya dinao mo metseng e mengwe, selo se a reng se ba kgontshitse gore ba K Build ba ba thologe mokgosi ba setse ba segile tema.
Rre Steyn Kefalatse. modulasetilo wa pele wa Babatona Social Club e e nang le maloko a le masome mabedi le botlhano, o kaile fa ba ne ba itshwaraganya le ba khansele mo ofising ya boipelego go tlhopha motlhoki yo o neng a tlhoka thuso ya potlako.
Rre Kefaletse o lebogela kemonokeng ya ba khansele le ba lephata la dikago ba ba nang le botsipa ka tsa kago ka ba thusitse ka moalo wa kago, ka seo se thusitse go tlhomamisa gore ntlo eo e nna mo seemong se se lebegang e bile se kgatlhisa.
O ne a kaya fa maitlamo a K Build Hard Ware e le go thusa setshaba ka dipoelo tse e di amogelang mo go sone nako le nako fa ba ka kgonang teng mo motseng wa Tsabong. Ba ne gape ba abela Mme Motswewapuo dilwana tsa ntlo di akaretsa malao a mabedi, dikobo, kobotlo le dijana tse di lopileng madi a a kanang ka P6 500. Fa amogela ntlo eo, Mme Motswewapuo yo o dingwaga tse di masome a mane le botlhano, o ne a leboga botlhe ba ba mo thusitseng ka jaanong go na le fa ba tlaa latsang tlhogo teng ka phuthologo, gammogo le bana ba gagwe ba ba tlhano.
A re ba ne ba kopile boroko mo go ba masika morago ga gore ntlo ya gagwe e she e bo e lore.
A re ga a itse gore molelo o ne o bakwa ke eng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabelano

Date : 13 Aug 2017