Breaking News

Kgosi o gwetlha dikereke

13 Aug 2017

Kgosi Puis Letsholo wa Woodhall, o gwetlhile maloko a kereke ya Revelation Blessed Peace go biletsa banana mo tumelong gore ba tswe mo ditseleng tsa go tlhoka tsebe.
Kgosi Letsholo o buile jaana mo mafokong a gagwe a kamogelo bosheng, jaaka maloko a kereke eo a kgaolo ya borwa a ne a kopane mo Lobatse go kopana le mosimolodi wa kereke eo, Arch Bishop Tshwaranang Kepaletswe jaaka a tsweletse ka loeto lwa go lekola maloko.
Kgosi Letsholo o ne a ba gakolola gore Setswana sa re ‘tse di senang marole ga di ate’ a tlatsa ka go re setlhogo se ba se tlhophileng se raya gore ba tlhomame mo tumelong.
O ba tshwaetse gore ba itshetlele mo tumelong mme ba seka ba tsewa ke phefo, a tlatsa ka go re banana ba maoto a tshupa mo dikerekeng.
Mookamedi Arch Bishop Kepaletswe a re o mo loetong go lekola letsomane la Modimo.
O kaile fa a tla ka molaetsa waga Tautona Khama wa go kgothatsa dikereke go tsaya karolo mo go thuseng puso mo kgwetlhong ya banana ya go tlhoka tsebe, nnotagi le dipolaano.
Arch Bishop Kepaletswe a re dikereke tsotlhe di tshwanetse go ema ka dinao go rapelela seru se sa go tlhoka tsebe, gore banana ba tle gaufi le Modimo ba tsene dikereke.
O gwetlhile baruti botlhe le ba dikereke tse dingwe gore ba eme kgatlhanong le ditiro tse di maswe ka thapelo, a tlatsa ka go re banana ke bone batsadi ba isago.
Arch Bishop Kepaletswe a re le fa go ka nna diemo dife mo botshelong batho ba tshwanelwa ke gore ba bo ba tsepame mo tumelong gore ba nne le botsalano le Modimo.
O kopile dikereke gape go rapelela lefatshe le la kagiso, a re diemo tsotlhe tse batho ba leng mo go tsone Modimo o tlaa ema le bone.
Mokhanselara wa Woodhall, Rre Molaodi Mantle a re go molemo jang go bona bana ba motho ba utlwana, jaaka bokopano jo bo tsenwe ke baruti le maloko a e seng a kereke eo, a re kana mme go rapelwa Modimo a le mongwefela.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Kgotlhatso

Date : 13 Aug 2017