Breaking News

Ba kgothadiwa go itshetsa ka tikologo

13 Aug 2017

Bomme ba kopilwe gore ba seka ba itsapa go akola mananeo a puso go intsha mo lehumeng.
Mafoko a, a builwe ke mothusa molaodi wa Moshupa, Mme Berman Mosime kwa moletlong wa kalogo ya bomme ba le lesome le bosupa le borre ba le bararo mo dithutong tsa Jewellery Design Basic Stringing kwa Moshupa ka Labotlhano.
Mme Mosime o kopile dialogane gore ba seka ba kgabisa matlo ka ditlankana tseo, mme a ba kgothatsa gore ba di dirise go akola mananeo a mangwe a puso go ya pele le go atolosa dikgwebo tsa bone.
O bile a akgola borre ba ba neng ba tseneletse dithuto tseo, a re goa lebosega go bo borre le bone ba supa kgatlhego mo ditirong tsa diatla, ka jalo a ba kopa go tswelela ba dira ka natla le go kgothatsana.
E rile a ntsha la gagwe, mogolwane ya Wena Environmental Education Trust, Mme Flora Seboni a tlhalosa gore mo ithutuntshong e, dialogane di ne tsa rutwa ka fa ba ka itshetsang ka teng ba dirisa matlakala.
A re matlakala ke selo se se leswefatsang tikologo, le gone go tsenya matshelo a batho mo diphatseng, fela a supa gore mangwe a one a ka dira dithoto tsa boleng jo bo rileng, mme Batswana ba itshetsa ka one.
Mme Seboni a re bomme ke batho ba gantsi ba angwang ke lehuma le kgokgontsho gareng ga tse dingwe, fela a supa gore dithuto tse e ne e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko gore ba lemoge gore le bone ba na le thata le bokgoni jwa go itshetsa ka diatla mo tikologong ya bone.
Mokhanselara wa Moshupa Bokone, Rre Wakgotla Tsalaile, ene o ne a lebogela thuto tseo, are o swabisiwa ke gore mo sebakeng sa gompieno ere lentswa kgotlelesego ya loapi le tikologo e le dilo tse diborai thata, batho ba santse ba tsweletse kago leswefatsa tikologo le go tshuba matlakala.
O tlhalosa gore dikhansele di na le thulaganyo ya go tseela baagi ba dikgaolo matlakala mo malwapeng ba ya go a ba latlhela ka tlhwatlhwa tse di kwa tlase go hema kgotlelesego ya tikologo.
 Rre Tsalaile o bile a kopa bagwebi go tshwara ka thata, go tlhomamisa gore dikgwebo tsa bone di a ba tshetsa, a tlatsa ka go re ba abelane botsipa jo ba bo anyileng le ba ba tlhokileng lesego la go tsenelela dithuto.
Mongwe wa dialogane, Mme Ogadimeng Kelotshegetse o ne a supa boitumelo jo bogolo a tlhalosa gore ba nnile lesego thata go akola lenaneo leo.
A re le bone jaanong ga ba sa tlhole ba tlaa balelwa mo palong ya bomme ba ba kokonelwang ke manokonoko a letlhoko la ditiro, ka jaana ba tlaa godisa le go tlhokomela dikgwebo tsa bone go itshetsa.
Mme Kelotshegetse o kopile bagwebi ka ene go ema ka dinao ba tlhomamisa gore dithoto tsa bone di goroga kwa bathong.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tlamelo Kgelepo

Location : MOSHUPA

Event : Go itshetsa

Date : 13 Aug 2017