Seabe sa batsadi barutabana se botlhokwa
13 Aug 2017
Batsadi le barutabana ba gwetlhilwe go nna seopo sengwe kgatlhanong le tiriso ya nnotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Lehututu, Rre Mabego Lesedi o boletse fa go tswa goo-Lowe batsadi ba lebagane le kgwetlho ya go sireletsa bana mo diphatseng tsa botshelo mme gape ba batla bana ba gololesega go ikakanyetsa.
O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganeng le yone e le tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke banana.
A re batsadi, dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone.
Rre Lesedi a re le fa go ntse jalo, go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng.
O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela e na le ditlamorago tse di tshwenyang jaaka boimana, go sa dire sentle kwa sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.
A re dilo tse, di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata.
Rre Lesedi o tlhagisitse fa ba na le boikarabelo jwa go ema bana nokeng gore ba fetse dithuto sentle le go netefatsa gore ba itekanetse e bile ba ikgapha mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi.
A re go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diritibatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo, kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekole sentle, go itebala le go eta mogopolo, bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lwapeng jalojalo.
O gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana o dirisa ditagi, a bue le ene ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi.
A re a itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile.
A re fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumalana gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata kwa ntleng ga go kgopisana.
A re motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi.
Rre Lesedi yo e bileng e le moruti wa kereke ya Kgalalelo, o gakolotse gore morago ga go bua le ngwana, motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone, a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana.
O gakolotse gape gore batsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a fiwang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang.
O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana.
O ne a ba gwetlha go nna ba lebile metsamao ya bana, ba batlisise gore fa ngwana a se yo mo lwapeng o a bo a le kae, a na le bomang, a dira eng.
O tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.
A bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole, ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone, ka jalo ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana, bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diritibatsi.
A re barutabana ba tshwanetse go dirisana sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotloetse bana go tlhama mekgatlho e e thusang go ema kgatlhanong le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng.
O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go tsisa mananeo a a thusang bana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo.
O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme ba tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso.
O boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone.
Rre Lesedi o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi, batlhokomedi ba bana le bone bana tota ka go ba rutuntsha ka bodiphatsa le ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi.
Fa a itebaganya le bana, a re ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka di na le ditlamorago tse di botlhoko tse di ka ba senyetsang bokamoso.
A re ba dire ka natla mo dithutong ka thuto e le yone boswa jo bo sa lwelweng. ENDS
Source : BOPA
Author : Eric Raphuti
Location : LEHUTUTU
Event : Potsolotso
Date : 13 Aug 2017






