Breaking News

Tlhokomelang matlotla

13 Aug 2017

Mogolwane wa mapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbengwa a re ba tshwenngwa ke matlo a a agilweng mo motseng oo mme a tlogetswe a sena ope yo o a tlhokometseng. 

Superitendent Mbengwa o buile jaana mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa dirukutlhi di iphitlha mo matlong a go nna jalo morago ga go senya, mme fa gongwe ba a fetole mabeelo a dithoto tse di utswilweng. 

A re dirukutlhi tse dingwe di iphitlha mo matlong a, mme ba phamolele ba ba fetang gaufi le one di-tsa bone.

 Superintendent Mbengwa a re go na le dikgang di le mmalwa tse ba di butseng tse di akaretsang go phamolelwa le thubetso tse di diragaletseng mo mafelong a. 

O ikuetse mo Bakweneng le banni ba Mokwena go dirisanya le mapodisi go lwantsha borukutlhi, mme a kopa beng ba matlotla le mafelo a a agwang a ise a fele go a laela bangwe ba ba tlaa a tlholang gangwe le gape. 

A re go botlhokwa go rema ditlhare tse di mo go one le go a tlhagola, a tlatsa ka go re go dira jaana go ka itsa go fa dirukutlhi sebaka sa go dira ditiro tsa botlhokatsebe. 

E rile fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgotlana ya Lekgwapheng kwa Molepolole, Rre Edwin Motlhabane a supa fa le bone ba lebagane le bothata jwa matlotla. 

O rurifaditse mafoko a ga Superintendent Mbengwa ka a kaile fa ditiro dingwe tsa botlhoka tsebe di diragalela mo go one matlotla a. 

A re ba leka ka bojotlhe go ikgolaganya le beng ba malwapa ao. A re ba dule ka leano la go rema ditlhare tse di mo malwapeng mangwe a a tlogetsweng a le esi go leka go hema go iphitlha ga dinokwane mo go one. ENDS

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2017