Tee ya magala sejo sa bagolo
10 Aug 2017
Go tswa goo-lowe, tee e e tlhatlewang mo magaleng e ne e le sejo se se neng se kopanya magosi le marena a lefatshe le.
Ka Seyeyi, lefoko ‘Shildiwa Shikati’ le reta gore tee ke sejo se setona sa magosi, mme e bile le dirisiwa thata mo Gumare.
E rile mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, moapei wa tee ya magala wa tlhwatlhwa mme Matshediso Lopang, 42, a tlhalosa fa tee ya magala e le bokhukhu go nowa ebile e le pharologanyo mo go e diretsweng mo koping.
“Tee e diretsweng mo koping, e itsheka metsi fa godimo, ga e kgone go lomagana le matlhare le masi. Se, ke ka ntlha ya gore mashi le matlhare di abo di sa butswa. Tee ya magala e bokete, e na le molotsana wa yone. Fa e apeilwe ke setswerere sentle, o tlaa e bona e ntse thokwa,e jesa leitlho monate,” ga tlhalosa Mme Lopang.
Mme Lopang o kaile fa tee ya kopi e sa ntshe lenyora la tee, mme fa motho a tsere kopi e nngwe fela ya tee ya magala pelo e nna namagadi ke boitumelo.
Mme Lopang o supile fa go tlhatlaya tee ya magala go tlhoka motho yo o kelotlhoko e bile a na le botsipa jwa go dira tee e e loileng.
Sa ntlha, Mme Lopang o tlhalositse fa diloko di tshwanetse go lekalekana go itsa tee e e motlhofo e senang tatso.
“Sa ntlha o bedisa metsi ka potwana, a bo o tsenya matlhare le mashi mo ketleleng, fa metsi a sena go bela, o a tshela mo ketleleng, abo o e khurumela o e baya mo magaleng go fitlhelela metsotso e ka nna lesome,’’ mme Lopang a tlhalosa.
Mme Lopang o kaile fa monate wa tee ya magala e le gore e tiisa botsalano; dikgang itlhele di le matsorotsoro.
O tlhalositse fa go na le mediro jaaka manyalo le dintsho, o tlaa bona bannabagolo le basadibagolo ba kgobokane ka digongwanagongwana ba reeditse dikgang ka go farologana, mantswe a ile godimo.
Mongwe wa barati ba tee, Rre Otsogile Shomana a re bogologolo a sale mmotlana, fa o bona bannabagolo ba phuthagane ba anwa tee, o ne o ka seke wa itlela ka kopi ya gago wa itshelela.
E ne e le molato o motona ka go ne go itsewe gore tee e nowa ke magosi le bagolo, go felela foo.
O tlhalositse fa bana ba ne ba fiwa matantabetso e bong matlhare a a dirisitsweng a bo a tlhakanngwa le metsi le mashi go dira tee.
Ka monyenyo, o kaile fa tee ya matantabetso e le matswapo fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segolame Seidisa
Location : GUMAREE
Event : Potsolotso
Date : 10 Aug 2017






