Breaking News

Mmatoropo o lela ka tiego

10 Aug 2017

Mmatoropo wa Francistown, Mme Sylvia Muzila a re go tlhoka go duelwa sentle ga dituelo tsa ditirelo ke banni ba toropo ya gagwe ke nngwe ya dikgoreletsi tse di bakang tiego ya go diragadiwa ga ditlhabololo.

O boletse matshwenyego a mo diphuthegong tsa kgotsa tse a neng a di buisa mo toropong go lekola banni bosheng.

Ke gone ka moo a neng a kopa banni ba toropo ya Francistown go duelela ditirelo tsa khansele.

O ba tlhaloseditse fa madi ao e le one a dirisiwang go dira ditlhabololo tsa toropo gammogo le go shafatsa tse di onetseng.

A re gangwe le gape batho ba na le go supa puso ka monwana gore ga e ba direle ditlhabololo kgotsa e itlhokomolosa go busetsa dingwe tsa ditlhabololo tse di senyegileng mo seemong, mme a supa fa sebe sa phiri e le gore batho ke bone ba busetsang puso kwa morago.

Gone mo diphuthegong tse mma toropo o ne a rolela banni dingwe tsa ditlhabololo tse di tlaa diragadiwang mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bongwe.

A re mo nakong e e sa fediseng pelo, go tlaa simolodisiwa kago ya tsela e e golaganyang Gerald le Francistown e tlhaga go tswa ko Aerodrome.

O supile fa tsotlhe tse di tlhokafalang mo go diragadiweng ga tsela eo di tlhomamisitswe semmuso le rakonteraka a setse a abetswe tiro eo.

A re go dirwa ga tsela eo go tlaa tsweledisa ditlhabololo tsa toropo mme e bile e tlaa thusa go menagane go hehosa diphatlha tsa mebereko mo banning ba toropo le metse e e mabapi.

O tsweletse a tlhalosa gape fa go tlaa dirisiwa P36 million go tsenya dipone tsa mekgwatha e ntse e le kwa Gerald mo Block 5 le 6.

E ne ya re fa ba akgwa mmatoropo dikgaba, banni ba leboga go menagane go bo mmatoropo wa bone a iphile matsapa go dikologa le bone go ba lekola.

Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke go dutla ga metsi mo toropong segolo bogolo diphaephe tsa kgopo leswe. ENDS

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego

Date : 10 Aug 2017