Ngwao mokgabo wa setshaba
10 Aug 2017
Go somarela ngwao le go e ipelela go botlhokwa ka go bontsha se setshaba e leng sone.
Seo se boletswe ke Kgosi Puso wa Batlokwa mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re morafe wa Batlokwa o tlaa ipelela letsatsi le ngwao le moono wa lone e leng Ngwao Bontle jwa Setshaba re a Ipela.
O ne a tlatsa ka go re moono oo o supa gore batho botlhe ba tshwanetse ba ipela ka ngwao ya bone le go nna motlotlo ka yone ka e le yone bontle jwa merafe.
Kgosi Puso yo gape e leng modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, o boletse fa ngwaga le ngwaga Batlokwa ba ipelela letsatsi la ngwao mme ngogola le sa tshwarwa ka e ne e le letsatsi la lenyalo la ga Kgosi e bile e ne e le ipelo ya kapeso ya Kgosi jaaka a sale a tlhongwa mo setilong.
O tlhalositse fa monongwaga moletlo oo o tlaa tshwarwa malatsi a mabedi Phatwe a le lesome le borobabobedi go ya e le lesome le borobabongwe, mme Labotlhano e le modiro wa go kgobokanya madi ka selalelo se se tlaa tlhakanang le mmabontle go supiwa kapari ka go farologana kwa Cresta Lodge mme go tsenwa ka P300 badiragatsi ba akaretsa Culture Spears, Serurubele le ba bangwe.
A re ka Matlhatso e tlaa nna letsatsi la go ipelela ngwao le le tlaa tshwarelwang kwa mabaleng a Batlokwa Trust Stadium a a itsegeng ka VDC Grounds mme bagolo ba lopiwa P100 bana bone ba tsene P50 fa ditlhopha di tlaa akaretsa Dr Vom, Culture Spears, Matlhaolosa Cultural Dance Group, Kang Choirs, dikhwaere tsa mo gae le baboki mme go nne le dijo tsa motshegare.
O ne a tlatsa ka go re go tlaa nna le diphapusi tsa go supa dilo ka go farologana mme phapusi di tlaa tsamaya ka 3X3m P1 000 tsa dijo, 6X2m P2 500 corporate stalls le 3X3m craft stalls P300.
O boletse fa letsatsi la ipelelo ngwao le simolotse ka Phatwe a le lesome le borobabobedi go lebilwe kapeso ya kgosi jaaka a ne a tlhongwa mo setilong ka 2007 mme ka 2008 Batlokwa ba sirolola sefikantswe mo kgotleng kgolo, mme morafe wa tsaya tshwetso go tlhopha malatsi ao go ipelela letsatsi la ngwao le moletlo wa ntlha o o nnileng ka 2009 ka Phatwe.
Kgosi Puso o tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng Batlokwa ba ntse ba ipelela letsatsi leo la ngwao mo kgotleng kgolo ka fa tlase ga boeteledipele jwa bogosi, a re ka 2012 go ne ga tlhangwa mokgatlho wa Batlokwa Development Trust o maikaelelo a one e leng go tsosolosa le go tsholetsa ngwao le go e somarela.
O boletse fa mokgatlho oo o tlhamilwe ke kgosi kgolo mme ga tsewa tshwetso gore ke one o tlaa tsamaisang meletlo ka go farologana e akaretsa wa go ipelela ngwao e le tsela ya gore mokgatlho o nne le sebaka sa go kopa dithuso di akaretsa madi go tsamaisa letsatsi la ngwao.
A re mokgatlo oo o tlamega go bona gore letsatsi leo le a gola mme o bereka gaufi thata le bogosi.
O tlhalositse fa monongwaga moletlo oo o fetotswe leina go tswa kwa go Annual Batlokwa Culture Day go bidiwa Mafifatswana Cultural Festival e le tsela ya go supa kgolo.
O ne a tlatsa ka go re leina leo le ne la gwetlhwa ke pina e khwaere ya kereke e neng ya opelela kgosikgolo le mohumagadi ka lenyalo e bile gape le tswa mo lebokong la Batlokwa la ‘Re Mafifatswana a go rekwa ka kgomo, mafetakgomo a je motho, magadimana ntweng a a ja ga a gadime.
Ba ga Mmanaka-a-mosima! Ba ga Musi! Mmolaa-moapei moapeelwana a sale a lla, Ba ga nkwenyana, a nkwe o apereng? Nkwe; ke apere Tau!’ Kgosi Puso o boletse fa letsatsi leo le sa tshwarelwe mo kgotlengkgolo jaaka gale mme le tlaa ipelelwa kwa mabaleng go na le ditiragalo di akaretsa moopelo wa ditlhopha ka go farologana.
O boletse fa ba solofetse gape Batlokwa go tswa kwa Afrika Borwa le Bogosi jwa bone go nna karolo ya letsatsi leo ka seo se supa tomagano magareng ga merafe eo.
O kgothaditse botlhe go nna karolo ya letsatsi leo ka e se letsatsi la Batlokwa fela mme e le letsatsi la go ipelela ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Thukuza
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 10 Aug 2017






