Taupye o sireletsa loapi ka temo ya ditlhare
09 Aug 2017
Banni ba Taupye mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba kopilwe go tlotla le go sireletsa loapi go thibela kgotlelesego ya lone.
Komiti ya botsogo le ya ditlhabololo tsa motse tsa re di bone go le botlhokwa go ruta banni ka tlhokomelo ya loapi.
Mmueledi wa dikomiti, Mme Norah Dipao a re sengwe le sengwe se se tshelang, se tshela ka go bo loapi lo sa kgotlelesega mme fela fa lo kgotlelesega diphologolo di tsile go nyelela.
O tlhagisitse banni gore go tshuba matlakala jaaka dithini, dipolaseteke le ditlhare go borai mo matshelong a batho le ditshedi tse dingwe ka gore di baka mesi e e senyang losire lo lo sireleditseng bogale jwa marang a letsatsi.
O gakolotse setshaba go emisa go tshuba le go gasagasa matlakala, go dirisa sekgwa jaaka matlwana a boitiketso, go emisa go kgotlela tikologo ka se se ama metsi, batho, diphologolo le diruiwa a re o kgala go itlhokomolosa tikologo le tlolo melao e e amang tikologo.
A re puso e dirisa madi a mantsi go phepafatsa tikologo, a supa fa madi a, a ne a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa setshaba.
“Batho ba ka itshetsa ka dipampiri go dira dithoto,” a tlhalosa.
O ne a kgothatsa morafe gore mongwe le mongwe a itlwaetse go latlhela matlakala kwa lehuting la matlakala e seng fa ene a ratang teng gore Batswana ba lebege e le batho ba ba nang le boikarabelo mo tikologong ya bone.
O ne a kopa gape gore ditlhare di se ka tsa tshujwa ka gore di thusa go ntsha mowa o o hemiwang ke batho.
A re o rotloetsa banni go baakanya dikoloi tsa bone ka dingwe di ntsha mesi e e kotsi mo loaping le batho, a tlatsa ka gore puso e tshwanetse ya bona gore fa koloi e sa itekanela e seka ya fiwa teseletso ya go tsamaya mo tseleng.
Mme Dipao a re banni ba tsenelela diphuthego tsa lephata la tshireletso ya dikgwa ka ba ka nna le sebaka sa go itse ka ditlhare tse tiriso ya tsone e leng borai kana e e siametseng batho le loapi.
Mme Dipao a re e re ka mo malatsing a gompieno go dirisiwa maranyane a sesha, go lepa loapi, ba tshwanetse go kopana le bomaitseanape ba setso go rutana ka tse di amang loapi.
A re bogologolo batho ba ne ba lepa loapi ba dirisa kitso e ba e filweng ke Modimo mme a re se se ka sologela setshaba molemo fa se, se ka ka dirisiwa le maranyane a segompieno.
O ne a kopa banana gore ba tlhotlhomise tepo loapi ya segologolo mo bagolong, a re go dira jalo go ka ba thusa gore ba kwale dibuka mo isagong ka se ba se amuleng.
“Tepo loapi ya setso gatwe go ne go dirisiwa dikai tsa mosi, dinaledi, phefo, maru le digagabi, bogolo thata di supa pula,”a tlhalosa.
Mme Dipao a re baitseanape ba loapi ba maloba ba dirisa phefo e e tswang borwa go supa tshenyo ya dijwalo gammogo le dithoto, le ba tepo loapi ya sesha ba a e dirisa, gammogo le maru le letsatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mahalapye
Event : Thuto Puisano
Date : 09 Aug 2017






