Diphuthego di isa matshidiso
09 Aug 2017
Diphuthego tsa Sekeresete le ba tumelo ya Islam ba ne ba isa matshediso kwa go ba lelwapa la ga tautona wa pele, Sir Ketumile Masire bosheng.
E rile a rola mophuthelwana oo, o tlhotlhwa ya one e sa tlhalosiwang, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Kanye, Moruti Koolopile Pema a re maikaelelo e ne e le go tlotla Sir Ketumile le go leboga Modimo go bo o ne o ba file mogaka yo o tshwanang nae gore a tshele nabo a bo a nne moeteledipele wa bone.
A re Batswana ba tshwanetse go ipelela gore Sir Ketumile o busitse lefatshe leno ka kagiso le lorato, a re segolo bogolo o gopola nako e lefatshe leno le neng le tshwere phage ka mangana ka nako ya kgang le la Namibia mabapi le setlhaketlhake sa Sedudu.
Moruti Pema a re bobelonamagadi jwa ga Sir Ketumile bo ne jwa dira gore kgang eo e fele ntle le tshololo ya madi, selo se a reng e le baeteledipele ba diphuthego ba ne ba se lebogela thata.
Moruti Pema a re ba gopola gape Sir Ketumile ka nako e puso ya Aforika Borwa ya tlhaolele e neng e tlhasela batshabi ba lefatshe leo ba ba neng ba tshabetse masula a tlhaolele mo lefatsheng leno, pele ga lefatshe la bone le ipusa ka 1994.
A re Sir Ketumile ga a ise ake a ipusolosetse, selo se a reng se ne sa babalela kagiso le thokgamo.
Moruti o ne a akgolela Sir Ketumile go bo a ne a bolotsa ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS ka nako e bolwetse joo bo neng bo feditse setshaba.
A re puso ya gagwe e ne ya isa baeteledipele ba dikereke go ya go tsaya malebela kwa Uganda.
A re go dira jalo, Sir Ketumile o ne a jwala peo.
E rile a amogela mophuthelwana oo kgaitsadia Sir Ketumile, Mme Gaolengwe Koma a lebogela lekgotla la baruti tiro eo ya bobelonomi a ba a supa fa a tlaa o fitisetsa kwa baneng ba gagwe.
Mo boemong jwa motsadi, Rre Motswakgakala Sealetsa, a re se lekgotla le se dirileng ke yone konokono ya phuthego ya Modimo.
A re phuthego ya Modimo ke go gomotsa le go fa ba ba latlhegetsweng tsholofelo ya gore go na le botshelo morago ga loso.
A re kereke gape e tshwanetse go aga motho gore a itshetlele mo maikutlong le mo tlhaloganyong le go itse gore bontle jwa motho ga bo mo diaparong bo mo boitshwarong.
Rre Sealetsa o ne a akgola Ofisi ya ga Tautona, lekgotla la ditshabatshaba, Batswana le mongwe le mongwe yo o neng a ba eme nokeng ka nako ya khutsafalo, a ba a kopa maitshwarelo fa go ka neng go fosegile teng ka nako ya dipaakanyo tsa tirelo ya phitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : KANYE
Event : Matshediso
Date : 09 Aug 2017






