Breaking News

Banna ba tshwerwe ka dikgomo tse di belaetsang

09 Aug 2017

Motshwarelela mookamela mapodise a District No.5, Senior Superintendent Samuel Kgomo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng borre bangwe ka dikgomo di le lesome tse go belaelwang e le tsa bogodu.

A re e ne ya re ka mafelo a beke, ba amogela pego go tswa kwa go ba matlhabelo a a ikemetseng ba se na go amogela dikgomo tse di tsileng di oletswe ka teraka.

A re beng ba matlhabelo ba ne ba lemoga fa dingwe di sa kwadisiwa mo teseletsong go se na dikarabo tse di maleba mme ba itsise mapodise.

Senior Superintendent Kgomo a re ba ne ba ragogela kwa matlhabelong ao mme ka boammaruri ba fitlhela dikgomo dingwe di sa bonale mo teseletsong, kgabagare ba lemoga fa le yone teseletso e sa dirwa ka fa molaong.

A re ba ne ba tshwara babelaelwa ba le bane mabapi le tiragalo e, ba mo bogompienong ba thusang mapodisi mo ditlhotlhomisong.

O boletse fa dikgomo tseo di ne di tswa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami.

Senior Superintendent Kgomo o supile fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di le dintsi mo kgaolo ya gagwe, a re di gakadiwa thata ke go tlhoka go disa ga barui.

O boletse fa bontsi jwa dikgomo di gobea naga yotlhe mme seo se neela manweenwee sebaka sa go utswa.

Senior Superintedent Kgomo o ikuetse mo baruing go tlhokomela leruo, a re ke gone fela go ka lo haphang mo bogodung. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 09 Aug 2017