Breaking News

Setopo se fitlhetswe se senyegile

09 Aug 2017

Setopo sa rre wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe se fitlhetswe se senyegile morago ga gore ba masika ba begele mapodisi kwa Maun fa rre yoo a sa bonwe.

Se se rurifaditswe ke mothusa mookamela mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Chenamo Orateng mo potsolotsong le BOPA.

Assistant Superintendent Orateng a re e ne ya re go amogela pego gore rre yoo ga a bonwe, ba fitlhela mmele wa gagwe o akgega mo setlhareng kwa morakeng wa Maphane gaufi le Maun.

“Ba masika ba re boleletse fa ba bone moswi la bofelo Phukwi a tlhola lesome le bosupa mme ra tswa letsholo go ya go mmatla ra mmona kgwedi eo e tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa,” Assistant Superintendent Orateng a tlhalosa.

A re mmele wa ga rre yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Botshabelo kwa Maun, o ne wa bonwa ke mofeti le tsela mme a begela mapodisi.

O tlhalositse fa ba ne ba tabogela kwa lefelong leo mme ba fitlhela mmele wa gagwe o senyegile.

A re ba ne ba bitsa masika ba ba neng ba rurifatsa fa e le ene yo ba ntseng ba mmatla.

Assistant Superintendent Orateng a re ba ne ba mo fitlhela gone fa lefelong la tiragalo morago ga gore a tlhatlhojwe ke ba bongaka mme ba supa fa dikarolo tsotlhe tsa mmele di le mmogo.

Rre Orateng o ganeditse magatwe a a tletseng mo mebileng a gore rre yoo o fitlhetswe dikarolo dingwe tsa gagwe di bapetswe.

O ne a gakolola batho gore se seka sa itseela botshelo ka gore seo ga se rarabolole sepe.

A re fa batho ba na le mathata ba itekodise masika, mapodisi le ba boipelego go ba thusa go a rarabolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 09 Aug 2017