Breaking News

Banna ba tshwaretswe go utswa leokwane

09 Aug 2017

Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding a re ga a bone boroko ntateng ya dipego tse di tsweletseng ka go oketsega tsa borukutlhi mo motseng.

O ntshitse matshwenyego a morago ga gore a atlholele bagolo bangwe molato wa go ipagololela mogodu mo leokwaneng la diesel kwa khamphaneng ya China Railways e e itebagantseng le kago ya ditsela.

Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa borre bao ba ne ba utswa diesel ya selekanyo sa dilithara di le lekgolo le masome a matlhano, mme ba e rekisetsa rre mongwe wa motswakwa, Parks Kwerepe.

A re tiragalo e, e diragetse ka Labotlhano, a tlhalosa fa ditoro tsa banna ba di ne tsa phirimisiwa ke badiri bangwe ba badisa dikago ba khamphane ya Security Systems ba ba neng ba ba bona ba bo ba ba tshwara go ba isa kwa molaong lone letsatsi leo.

Monna yo a neng a rekisediwa diesel ga twe o ne a inaya naga mme ba seka ba mo tshwara gone foo, mme mapodisi le morafe ba kopanela go mmatla go fitlhelela ba mo tshwara.

Kgang ya banna ba, e ne ya tla fa pele ga lekgotla la Setswana la Tati Siding ka Mosupologo, mme botlhe ba tlhalosa fa ba ipona molato mo go se ba lekileng go se dira.

Fa ba ntsha maipobolo a bone tebang le molato wa go leka go utswa, bo rre ba ba ne ba supa fa e le bone batlhokomedi ba malapa a bone, mme ba kopa gore lekgotla le ba inele diatla metsing ka e bile ba bakile.

Lekgotla le ne la sekegela tsebe maipobolo a bone, segolo bogolo ka e le bagolo mme e bile gape leokwane le le neng le utswilwe le sa dirisiwa.

Leokwane le le ne la leriwe e le bosupi fa pele ga lekgotla mme la busediwa China Railways.

Fela lekgotla le ne la ba lebisa molato mme la ba atlhola P100 mongwe le mongwe wa bone, fa wa motswakwa ene katlholo ya gagwe e ne ya okediwa ka dithupa tse thataro.

Kgosi Nkgageng o ba tlhaloseditse fa go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng go sa ba siamela ka jaana maduo a go dira jalo e le go itsenya mo diphatseng le go itshenyetsa isago.

Kgosi o tlhalositse gore ke bone ba tshwanetseng go kgalemela banana go ikgapha mo ditirong tse di sa letlelesegeng mme go tlhabisa ditlhong fa e le bone ba batlang go di goga kwa pele mo dikgannyeng tse di sa siamang.

O bile a ba rotloetsa gore go tlhoka ditiro e seka ya nna seipato mo matshelong a bone, ka jaana puso e na le mananeo a le mmalwa a ba ka inaakanyang nao gore kgabagare ba inamole lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : Tati Siding

Event : Tsheko

Date : 09 Aug 2017