Go itsane losika go botlhokwa
08 Aug 2017
Go itsane lesika go botlhokwa ka ke lone e reng go le thata le thuse.
Kgosi wa Khekhenye, Rre Molepi Letlatlawe o tlhaloseditse BOPA fa lesika e le lone e reng motho a tlhokafaletse kwa majako le eme ka dinao mme e bile ke lone gape le bopaganyang fa go na le dikgotlhang.
A re bogologolo batsadi ba bone ba ne ba na le kgatlhego go ba ruta gore lesika le rulagana jang, mme se, se nyelela ka bonya ka mo malatsing ano, bana ka bontsi ba kopana le masika fela kwa manyalong le kwa dintshong.
Kgosi Letlatlawe a re mo godimo ga moo, bana ba malatsi ano le bone ga ba na kgatlhego e ntsi go itse masika a bone ntateng ya ditlhabologo tse dintsi jaaka mongwe le mongwe a itebagantse le lelwapa la gagwe fela.
Kgosi o supile botlhokwa jwa gore ngwana a itse batsadi ba gagwe botlhe le fa ba se mmogo gore a tle a utlwe bothitho jwa lorato go tsweng ntlheng tsoo pedi.
Kgosi Letlatlawe o gakolotse fa molao o o sireletsang bana, o tlama gore ngwana mongwe le mongwe a akole ditshwanelo tsa gagwe e bile a tshwanetse go tlhokomelwa ka dijo le diaparo.
A re go tlhoka go dira jalo ke go tsuulola ditshwanelo tsa ngwana mme motsadi o kgona go tseelwa dikgato tse di gagametseng fa a ka bonwa molato wa go sa tlhokomela ngwana.
O kaile fa batsadi e le bone ba ba rutang bana boikarabelo le go tsamaisa merero mo lwapeng jaaka manyalo le dintsho gore e tle e re go hulareng ga bone, bana ba sale ba tsweledisa fa batsadi ba bone ba tlogetseng teng.
Kgosi Letlatlawe a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho tse di amang bogolo thata bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, a re go le gantsi ba kgojwa ka mafoko.
A re go dira jalo, ga go a siama ka go ama kgodiso ya ngwana ka ngwana wa teng o kgona go felela a inaakantse le borukhutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2017






