Ba Taupye ba tsibogela loaro la borre
08 Aug 2017
Go dira loaro lo lo babalesegileng lwa borre go botlhokwa go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.
Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya Taupye ya botsogo le boitekanelo, Mme Kebafe Keobatile mo potsolotsong le BOPA.
A re e le komiti ya botsogo, ba tsibosa le go ruta setshaba bogolo jang banana ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, a tlatsa ka gore gangwe le gape ba tsamaya le motse ba ruta banana le go oketsa go tlhaloganya ga bone gore HIV/AIDS le malwetse a mangwe a dikobo a tshwanetse go lwantshiwa.
Mme Keobatile a re ke ponelopele ya puso gore mo tsamaong ya dingwaga go bo go se na dintsho, kgethololo ya ba ba tshelang ka mogare le gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di bo di ile kwa tlase.
Le fa gontse jalo, a re maikaelelo a bone e le komiti ke go bereka le ba botsogo go oketsa dipalo tsa banana ba borre ba ba dirileng loaro, a supa fa banana ba Taupye ba dira loaro loo ka dipalo tse di kgotsofatsang.
Mme Keobatile o boletse fa ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o sa dirwang loaro loo a lebanwe ke kgwetlho ya go tsaya kgato, a tlatsa ka go rotloetsa bomme le makgarebe go tswelela ka go ruta le go rotloetsa bana ba bone, bokgaitsadiabone le bakapelo ba bone go nna makau a a ithatang, a a dirileng loaro.
O tlhalositse fa go dira loaro ga borre e le selo se se tswang bogologolong se dirwa, a tlasa ka gore dipatlisiso di supa fa le fokotsa go tsenwa ke mogare ka selekanyo sa masome a marataro mo lekgolong.
Mme Keobatile o lebogetse batsadi ba Taupye go dira bana ba bone loaro ba sena go belegwa, e bile a re ba tlaa tswelela ka go rotloetsa batsadi go ya go kwadisa bana ba dikole kwa dikokelong gore ba tle ba tlhatlhobelwe mogare wa HIV le go ya go dirwa loaro lwa borre kwa Mahalapye.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke go latlha dipilisi tse diritibatsang mogare wa HIV/AIDS mme a re o kgala ba ba dirang jalo go menagane.
O kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka go ba rotloetsa go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV fa ba iphitlhela ba na le one.
A re boeteledipele jwa metse ka go farologana bo tshwanetse go ema puso nokeng go gakolola setshaba ka malwetse.
A re puso e rata batho ba yone ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare.
Mme Keobatile a re seo se ne sa fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo.
Modulasetilo o tlhalosa fa nako e gorogile gore setshaba se tlhomamise gore ba tsaya kgato e e maleba, a tlatsa ka gore go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi ka go tlhoka go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng.
O rotloeditse setshaba go dirisa dikausu ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo.
A re o kopa bomme go rotloetsa bana ba bone ba basimane go dira loaro lwa borre, a tlatsa ka gore kwa ntle ga go fokotsa go tsenwa ke mogare loaro lo thusa gore bomme ba seka ba tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo.
Mme Keobatile o kopile setshaba go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS ka methale yotlhe e puso e tlang ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : TAUPYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2017






