Breaking News

Dipalo tsa bogodu jwa leruo di wela tlase kwa Nhabe

08 Aug 2017

Motshwarelela mookamela mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Chenamo Orateng a re ba itumedisiwa ke go fokotsega ga dipalo tsa dikgetsi tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone.

Fa a bua mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng , Assistant supritendent Orateng o tlhalositse gore fa ba tshwantshanya dikgetsi tse ba nnileng le tsone monongwaga le tsa ngogola di supa gore bogodu jwa leruo bo setse bo laolesega mo kgaolong.

“Ngwaga o o fetileng go simologa ka kgwedi ya Herikgong go ema ka ya Seetebosigo re ne ra nna le dikgetsi tsa bogodu jwa leruo tse di masome a mararo le bosupa fa ngwaga o no re nnile le tse masome a mabedi le boferabobedi selo se se supang gore re kgonne go laola bogodu jwa leruo,” ga bua Assistant Supretendent Orateng.

A re leruo le le utswiwang thata ke dikgomo tse ba lemogileng fa seo se rotloediwa thata ke borra dibuchara ba a reng nako tse dingwe ba kgona go amogela dikgomo tse di sa kwadisiwang ka fa molaong.

A re e rile ba lemoga seo ba ne ba tswa letsholo ba ikopantse le ba lephata la matlhoko a leruo go tsamaa mo dibuchareng tse di farologanyeng go lekola seemo selo se areng se ba bereketse fela thata.

Rre Orateng a re ba sepodisi ba ne gape ba itsolopanya ba kopane le ba dikomiti tse di farologanyeng tsa balemi barui go ba ruta le go ba tsibosa ka bogodu jwa leruo le bodiphatsa gore fa ba ntse ba kopana le barui ba ba rute thata ka tsone.

O kgadile a sa kgwe mathe barui bangwe ba ba santseng ba sa tlhokomele leruo la bone a re seo ke sengwe sa dilo tse di gakatsang bogodu jwa leruo.

A re ba tlogela leruo le saila fela ka ba itse gore metsi a tletse gongwe le gongwe mme seo se fe magodu tshono ya go itseela fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 08 Aug 2017