Breaking News

Tshireletso o akgola kereke

08 Aug 2017

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o akgotse kereke ya Isimemezelo Zion Church of God go bo e bone go le mosola go abela ba-na-le bogole le bagodi ba Kudumatse.

Mme Tshireletso yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, o buile jaana kwa moletlong wa kabo dimpho kwa Kudumatse ka mafelo a beke.

Kereke ya Isimemezelo e ne ya abela ba-na-le bogole ba le lesome le borobabobedi le bagodi ba le batlhano melora, dikobo le dijo tse di lopileng P13 388.

Mothusa tona o ne a tlhalosa gore kereke, fela jaaka puso, e ikaeletse go ema ka dinao go bona gore e thusa ba ba sa kgoneng go itirela ka go ba fa seriti.

A re le fa kereke eo e le ntsha, e bone go le mosola go abela bangwe ka bone, bogolo jang ka e bile puso e kile ya ntsha mogopolo wa gore batlhoki, bagolo le ba-na-le bogole ba fiwe lorato le tlhokomelo.

A re go fa mongwe ka wena seriti ke mpho e tona e le Modimo a eletsang gore e diragale mo bathong, a tlatsa ka go re mowa wa neelano ke mowa o o eletsagang ka e bile go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

A re se se supa gape le mowa wa tshwaragano o o rotloediwang mo bathong.

O ne gape a galaletsa baeteledipele ba kereke eo go bo ba na le mowa wa bopelotlhomogi mo go bangwe ka bone.

A re o solofela fa kabo dimpho eo e e leng ya ntlha go dirwa ke kereke e se ya bofelo, bogolo jang ka go na le batho ba le bantsi ba ba tlhokang thuso mo lefatsheng.

O ne a lebogisa ba ba amogetseng dimpho tseo, a kopa gore ba di tlhokomele, ka e bile dingwe tsa tsone e le tsa sennela ruri, tse e tlaa reng le kamoso ba bo ba gakologelwa tiro e ntle e ba kileng ba e direlwa ke kereke.

E rile a tswa la gagwe, Archbishop Motshereganyi Keoitse a tlhalosa fa kereke ya gagwe e tlhamilwe ya ba ya kwadisiwa ka 2013.

Rre Keoitse a re e re le ntswa moletlo o e le wa ntlha fa e sale kereke e tlhangwa, ba ikaeletse go dira ka gotlhe go tshwaragana le puso go thusa fa ba ka kgonang teng, bogolo jang bagodi le ba-na-le bogole.

O tlhalositse fa se se supa lerato le le kwadilweng mo Baebeleng, ka le yone e supa fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go rata mongwe ka ene pele a ka re o rata Modimo.

A re le bone fela jalo ba bone gore ba tshwanetse go rata bangwe ka bone, ba ba etleetsa, ba ba fe lorato mme e bile gape ba setse mafoko a ga Tautona morago a go thusa ba bangwe mo setshabeng.

Moruti Keoitse a re ba dirile tiro e ka go ntsha mo dipateng tsa bone, mme ba ikopanya le komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kudumatse gammogo le ba boipelego go bona gore ba ka thusa bomang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : KUDUMATSE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 08 Aug 2017