Breaking News

Baepi ba motlhaba ba bolaana ka motlele - Segotsi

08 Aug 2017

Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile ba lephata la merero ya tshomarelo tikologo go fokotsa diteseletso tse ba di neelang setshaba go epa motlhaba.

Kgosi Segotsi o buile jaana kwa moletlong wa go keteka letsatsi la mafatshefatshe la tshomarelo tikologo kwa Taupye bosheng.

O tlhalositse fa dinoka le melatswana tse di mo kgaolong ya Mahalapye di sa tlhole di na le motlhaba mme jaanong di ama tlhaelo ya metsi mo kgaolong.

A re batho ka bontsi ba epa motlhaba mo dinokeng tse, mme se se ame thata metsi a a dirisiwang ke barui gammogo le diphologolo.

O tlhalositse fa bangwe ba utswa motlhaba ka ba sena diteseletso mme e bile ba sa laolesege ka jaana ba sa tlhole ba bona dikgosi ka sepe fa ba re ba a kgalema.

Kgosi Segotsi a re mo nakong ya gompieno batho ba supa fa ba na le ditshwanelo mme ba dira ka fa ba kgonang ka teng.

O ne a tlatsa ka go re mo malatsing ano setshaba ga se tsee tsia ditsheko tsa kwa kgotleng ka ba supa fa ba na le babueledi.

Kgosi o ne a ngongorega gape ka go rengwa ga ditlhare tsa naga, ka batho ba bone gore dikgong di na le madi.

A re mo kgolong ya Mahalapye, ditlhare di rengwa fela ka jaana batho ba sa kgalemeselege mme se se tsile go dira gore tlhaelo ya ditlhare dingwe tse di neng di ka thusa tikologo di nyelele.

Ka jalo o ne a kopa ba lephata la tsa dikgwa le tshomarelo matlotlo a tlholego go ema ka dinao go bona gore ba ruta setshaba ka go somarela ditlhare tsa mofuta o.

E rile a afa pego ya tshomarelo tikologo mo kgaolong ya Mahalapye, modulasetilo wa komiti ya pabalelo tikologo le tshomarelo di-tsa tlholego, Rre Moatshe Senai a tlhalosa fa komiti ya bone e okametse Kudumatse, Makwate, Mokoswana, Setsile, Shakwe le Taupye.

Rre Senai a re ba simolotse komiti e, ba leka go tla ka tharabololo ya kepo ya motlhaba le go kgaolwa ga ditlhare.

O ne a tlhalosa gore ba ne ba ema ka dinao go bona gore ba laola seemo se, ka go ne go se na ope yo o nang le seabe sa go bona gore dilo tse di dirisiwa sentle mme ba tsaya boikarabelo jwa go laola seemo se.

A re e re ka e le balemi-barui, ba ne ba bona gore phulo e ya kwa tlase, mme ba ema ka dinao ka le one mmu o ne o sa tlhole o nna le menontshane.

Rre Senai a re ba ne ba inaakanya le bomaipaafela ba ba dirisang di-tsa tlholego botlhaswa mo metseng e ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : MAHALAPYE

Event : Letsatsi la Mafatshefatshe la Tshomarelo Tikologo

Date : 08 Aug 2017