Breaking News

Go bonwe marapo a motho

08 Aug 2017

Mapodisi a Letlhakeng ba re ba bonye marapo le diaparo tse ba belaelang e le tsa monna yo ba neng ba mmatla kwa dipolaseng tsa Magagarape.

E rile a lekodisa BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse a supa fa ba belaela fa rre yoo a bolailwe ke serame ka a ne a le bokoa mo mmeleng.

Superintedent Katse o supile fa ba santse ba emetse go isa marapo ao kwa batlhatlhobing.

O supile gape fa a leboga morafe wa Ditshegwane thata, ka ba ne ba na le bone ka dinako tsotlhe fa ba batla rre yoo, go fitlhela ba bona marapo ao.

Mo go tse dingwe Superintendent Katse o supile fa ditshupo tsa kgaolo ya Letlhakeng di tsamaile sentle, a bo a supa fa go sa nna le sepe se se maswe kwa go tsone.

Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jwa banana ba motse oo, a supa fa go lebega ba sa itse mosola wa ditshupo.

O supile fa banana ba Letlhakeng ba anwa bojalwa phetelela ka nako ya ditshupo, mme ba di tlogele di ntse di tsenye.

Supt Katse o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng, a fitlhetsweng a rapaletse fa thoko ga tsela a tlhokafetse ka Matlhatso,

Phukwi a le masome mabedi le borobabongwe.

O supile fa go belaesega fa moswi a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Khudumelapye go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

Supt Katse a re serepa se kwa setsidifatsing sa ga Pule, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

Supt Katse o supile fa ba tshwenngwa ke banana ba ba nwang bojalwa phetelela kwa Letlhakeng, a supa fa bomme ba anwa bojalwa go feta borre, a bo a supa gape fa bangwe ba tlogela bana ba bannye ba ya majalweng.

O supile gape fa boitshwaro jwa batho kwa dibareng bo ketefaletsa beng ba dibara go tswala madirelo, a bo a tlhalosa fa ka dinako dingwe ba kgona go nna kwa ntle ga madirelo fa a tswetswe ba bo ba letsa dikoloi.

O tlhalositse fa ka dinako tse dingwe ba kgona go kolopa dikoloi tsa mapodisi ka matlapa fa ba leka go ya go thusa go tswala dibara.

Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa ba tlaa gagamaletsa beng ba dibara molao le ba ba lekang go ba kgoreletsa go dira tiro ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 08 Aug 2017