Mapodisi a kopiwa go thusa kwa Manamakgote
08 Aug 2017
Kgosi Segale Linchwe o kopile mapodisi a Mochudi go thusa morafe wa kgotla ya Manamakgote ka kgotla eo e godile mme e tlhokana le dithuso tsa sepodisi.
Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Segale o tlhalositse fa kgotla eo e tshwenngwa ke go tlhaselwa ke dirukutlhi mme se se tlhokana le thuso ya potlako go sireletsa setshaba.
A re e rile Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a etetse kgaolo eo, a kopa thuso ya diofisi tsa sepodisi tsa nakwana, bogolo jang kwa sekoleng se sebotlana sa Linchwe ka jaana bana ba sekole ba sa sireletsega.
Kgosi Segale a re borukutlhi bo tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong eo mme mapodisi a tshwanetse a potlaka go hema diemo tse di sa itumediseng.
Ramapodisi a Mochudi, Supt Olebile Sitale a re ba itse ka kgang eo mme sebe sa phiri ke gore e le ba sepodisi ga ba na ditsompelo tsa go bula ofisi kwa kgaolong eo.
A re ba itse sentle ka seemo sa banni ba kgaolo eo mme ba tlaa tswelela ba ba thusa go fitlhelela ba nna le ditsompelo go ka isa mapodisi kwa kgaolwaneng eo.
Supt Sitale a re o kopa morafe wa kgaolo eo go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele ka le le mosola fela thata.
A re ga a rotloetse setshaba go phutha matsogo ba re sepodisi ga seyo ntswa ba ka dira sengwe go sireletsa matshelo a bone.
Supt Sitale a re lenaneo la ntebele ke go lebele le thusa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tse dingwe tsa Mochudi jaaka kwa Makakatlela.
A re kgang e ba kile ba e nnela fatshe le molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang go bona gore ba ka thusa morafe jang.
Supt Sitale a re molaodi o ba solofeditse go ba thusa ka lenaneo la Ipelegeng go hira ba ba ka thusanang le mapodisi go lwantsha borukutlhi mo kgaolong eo.
A re ba tlaa ntsha mapodisi a le mabedi a a tlaa thusanang le morafe ka a dumela seo se tlaa thusa go fitlhelela kgang ya bone e bona tharabololo.
Rre Mochanang ao bile a thapa batho ba le lesome go bereka le mapodisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2017






