La bojalwa ga le fofe
08 Aug 2017
Ba boitekanelo kwa Mahetlwe mo kgaolong ya Kweneng ba eme ka dinao go phatlalatsa molaetsa wa go fokotsa dino, morago ga go lemoga fa banni bangwe ba dirisa nnotagi botlhaswa.
Mmaboitekanelo wa motse oo, Mme Kelebogile Motswagole o tlhalositse fa go iphetisa nnotagi e se selo se se siametseng botsogo e bile go baya lefatshe ka fa mosing.
Mme Motswagole o tlhalositse mo potsolotsong fa ba ne ba bolotsa letsholo go lwantsha tiriso botlhaswa ya nnotagi ka 2013 nnotagi e ne e setse e kokonela motse.
A re bangwe ba ne ba kgona go dirisa madi a a neng a tshwanetse go dira ditiro tsa kwa lwapeng go nwa bojalwa mme bana e nne bone ba sokolang.
Mme Motswagole a re e a re bangwe ba se na go itshiela, ba lwele fa pele ga bana ka mafoko le ka diatla tota mme se, se sa siamela bana ka e a re morago ngwana a kgokgontshege mo maikutlong kgotsa a kope boitsholo joo.
O boletse fa boitshwaro jo bo ntseng jaana bo sa amogelesege mo tshabeng e e batlang go bopagana ka gore bo ruta bana dilo tse di sokameng.
A re bana ba ba golelang mo kgokgontshong ba kgona gore le bone ka moso ba e dire mo go ba ba tshelang le bone kgotsa ba tshwenya bana ba bangwe kwa dikoleng.
O rotloeditse malwapa go ruta bana gore ntwa kgolo ke ya molomo.
Mme Motswagole o ne a tlhalosa fa go nametsa ka jaana go supa fa melaetsa e ba e isang kwa setshabeng e ntsha maduo mme a re boikarabelo bo ntse bo a oketsega mo badirising ba nnotagi.
A re maikaelelo magolo ke gore ba nne motse o o ipelafatsang ka boitshwaro jo bo ntle e bile o tshwaraganetse bana gore o ba fapose mo nnotaging ka lemphorwana la bojalwa le sa fofe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MAHETLWE
Event : Potsolotso
Date : 08 Aug 2017






